A melato e mesesane e sekwe ke magosi
23 May 2022
Go seka melato e mesesane jaaka ya titeo, boitsholo jo bo sa letlelesegeng mo setshabeng le e mengwe mo makgotleng a setswana go ka thusa go fokotsa mosuke wa dikgang tse di reetswang kwa lekgotleng la ga mmakaseterata.
Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro o buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go utlwa megopolo ya Batswana ka se ba dumelang gore e tshwanetse ya sone sebopego sa molao-motheo.
A re kwa ntle ga go fokotsa mokgweleo wa dikgang kwa ga-mmakaseterata, thulaganyo eo e ka fefosa ditsheko.
Kgosi Disang o ne gape a supa fa a katlholelo leso jaaka e ntse e le tsamaiso mo lefatsheng la Botswana.
O ne a kopa gore thupa ya mokwatla e boele go tlisa kgalemo mo sechabeng.
“Se sengwe ke thupa ya mokwatla…ya marago ga e botlhoko go nne marago ke sesuma fela,” o ne a tlhalosetsa lekoko.
Rre Wabobedi Mopati ene o ne a re ke keletso ya gagwe gore molao-motheo o laole gore baemedi ba mapalamente ba ba nnang nako e ntsi ba sa lekole batlhophi ba seegelwe fa tlhoko mme batlhophi ba neelwe sebaka sa go ithophela ba ba tlhwaafetseng.
Monni yo mongwe, Rre Ronald Bagali ene o ne a kaya fa ele keletso ya gagwe gore Batlhophi ba lefatshe leno ba itlhophele tautona.
A re gape ditswammung di tshwanetse tsa dirisiwa thata mo mafelong a di epiwang mo go one.
“A molao-motheo o patike tsamaiso gore ditlhabololo di sokamele ntlheng ya mafelo a go epiwang ditswa-mmung teng gona le mafelo a mangwe,” o ne a kopa jaana.
Rre Keanogile Mosupiemang ene o ne a kopa gore molao-motheo wa lefatshe la Botswana o sekise o bo o atlhole ope fela yo o tlaa fitlhelwang ka dirwe tsa motho.
A re go a gakgamatsa gore molao o bo o gagametse fela thata mo bathong ba ba fitlhelwang ka dikarolo tsa diphologolo tsa naga mme o repile mo bathong ba ba fitlhelwang ka dikarolo tsa mebele ya batho.
Fela jaaka Batswana bangwe, Rre Mosupiemang a boleletse lekoko fa nako e gorogile gore setshaba se itlhophele tautona; Selo se mongwe wa banni Rre Kgopiso Odirile o neng a se kgala thata.
Tsamaiso ya nako eno ya go tlhopha Tautona go ya ka Rre Mosupiemang e siame fela.
“Le ele tlhoko gore batho bangwe ere ba utlwa gotwe go ditlhopho ba ntshe madi go reka batlhophi,” o ne a tlhagisa jalo.
O ne a supa gape fa a le sebete se molangwana ka kgang ya go neela dikgosi dithata.
A re ene ele motho wa maloba o tshogela gore dikgosi dingwe di ka felela di gatelela merafe fa ba ka neelwa dithata ntle le go bewa leitlho ke puso gore ba buse ka tolamo.
Fa a ntsha wa gagwe mogopolo, Rre Oagile Orapeleng o ne a bolelela lekoko fa tsamaiso ya nako eno ya go sireletsa tautona yo o mo setilong kgatlhanong le go sekisiwa e tshwanetse ya fetolwa.
O ne a re: “A tautona a seke; motho ga motona mo molaong, molao ke one o motona,”
Mo go tse dingwe banni ba ne ba ntsha megopolo e e farologaneng ka thulaganyo ya go kwalwa ga maina a borra-bana mo ditlankaneng tsa matsalo.
Bangwe ba ne ba kopa gore molao-motheo o emise thulaganyo eo fa ba bangwe ba kaile fa ba e ema nokeng.
Ba ne ba kopa gape gore tsamaiso ya go tlhopha khuduthamaga ya ga matona mo mapalamenteng e eme le gore maemo ao a gaisanelwe ke Batswana ba ba nang le dikitso le bokgoni. BOPA
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MMASHORO
Event : Phuthego
Date : 23 May 2022