Breaking News

Kgomokhumo e ntsha maduo

22 May 2022

Lenaneo la sepodisi sa Botswana la twantsho bogodu jwa leruo la kgomokhumo le dikile le thusitse thata mo twantshong bogodu jwa leruo.

Se se builwe ke Mopalamente wa Mochudi Botlhaba yo gape eleng mothusa-tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule kwa phuthegong ya kgotla kwa Bokaa bosheng. Rre Pule o buile jaana a akgola tshwetso ya ba sepodisi ya go busetsa lenaneo le mo tirisong bosheng, a tlatsa ka gore tsholofelo ke gore bogodu jwa leruo jo bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba bo tlaa ritibala.

Mo go tse dingwe, Rre Pule a re itsholelo ya lefatshe e ntse e golela pele ka jalo koketsego ya ditlhwatlhwa kwa marekisetsong e santse e tlaa ya kwa godimo. A re ntwa magareng ga lefatshe la Russia le la Ukraine ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ditlhwatlhwa di oketsege. Are seemo sa itsholelo lefatshe ka bophara sa malatsi ano ga se letle gore lefatshe la Botswana lebe le santse le ikaegile ka mafatshe a mangwe.

O rotloeditse banni go tswelela ka go inaakanya le mananeo a puso a nyeletso-lehuma a tshwana le LIMID gammogo le la ISPAAD go itshetsa ba bo ba itirela letseno.

Rre Pule o ba rotloeditse gore ba tswelele ka go ipelega ka go itemela morogo mo malwapeng.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Masiela Mandoze en a re lentswa khansele e tswetse lefelo la matlakala la Pilane, go santse go na le batho bangwe ba ba tlolang molao ka go saila mo lefelong leo ba phatlalatsa matlakala.

Are kgwetlho e tona e e teng ke gore terata e e neng e sireleditse lefelo leo e utswilwe ke ka moo go seng bonolo go laola badira molato bao. Rre Mandoze a re thulaganyo ke gore terata e tsenngwe pele ga kgwedi ya Lwetse e fela.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Bokaa, Rre Ramosesane Radifalana are ba lebogela go bo go tsisitswe ngaka kwa kokelwaneng ya Bokaa. A re ba lebogela gape gore go bo go sena tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng se se botlana sa Raditladi. Le fa go ntse jalo, Rre Radifalana a re go na le tlhaelo e ntsi ya matlo a bonno a badirela-puso le a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Borwa le se se botlana sa Raditladi. Ends

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : BOKAA

Event : Phuthego

Date : 22 May 2022