Moabi o rotloetsa therisanyo
27 Apr 2022
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi a re morero ke selo se setona thata mo tsamaisong ya lefatshe.
Fa a buisa magosi, maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolong ya Tati Bophirima,makhanselara le baeteledipele ba maphata a puso kwa kgaolong ya Masunga,ka Labobedi,Rre Moabi a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o dumela mo tsamaisong ya morero.
A re ka jalo tautona o tlhomile komiti go phutha megopolo ka go sekasekwa ga molao motheo kana go fetolwa ga molao motheo.
O ile a kopa banni go nna le seabe ka go ntsha megopolo ya bone ka nako e komiti e tlaa bong e le mo kgaolong ya bone.
A re ka ba le baeteledipele ba batho ba tshwanetse go emana nokeng go isa ditirelo le go thusa setshaba ka nako.
O tsweletse a kopa baeteledipele bao go ema tautona nokeng mo maitekong a gagwe a thulaganyo ya Reset Agenda, a tlhalosa fa maikaelelo a yone e le go isa lefatshe leno golo gongwe,a gatelela gore lenaneo leo le ka atlega ka tshwaragano,tirisanyo mmogo le tshwaragano.
Mo godimo ga moo,o boletse fa go tlhagoga ga segajaja sa corona go amile itsholelo thata ka mananeo mangwe a a neng a tshwanetse go dirwa a tlosoloesitswe ka madi a teng a dirisitswe go lwantsha bolwetsi joo.
Magosi a metse eo a ne a ngongorega ka tiego ya go neela baikopedi boagedi.
Kgosi Bernard Mbalambi wa Mbalambi a re kgang ya boagedi ga e mo jese tse di welang ka go na le batho ba le masome mabedi le bongwe ba ba saleng ba ikopela boagedi mme nakokgolo ke eno.
Kgosi Mbalambi a re kgang eo ya tshwenya thata ka batho bao ba agile, ba na le malwapa gape ba sokola ka go nna ba ntshaafatsa diteseletso tsa go nna mono nako le nako mme seo se dirwa ka madi.
Mokhanselara wa Ramokgwebana,Rre Godfrey Smile le ene o ne a otlelela mafoko a ga Kgosi Mbalambi a re bonya jwa go neela motho boagedi bo ngomola pelo.
A re seo se a ba ama e le baeteledipele ba batho.
Rre Smile o ile a ngongorega ka tlhaelo ya metsi kwa motseng wa Jakalas 1,a re le fa ba koporase ya metsi ba re ba baakantse seemo,letlhoko la metsi le santse le le lentsi.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni,mogolwane kwa lephateng la boagedi le mesepele,Mme Chigedze Mooketsi a re tiego ya go fa baikopedi boagedi e bakwa ke gore go na le ditsamaiso dingwe tse di lebelelwang pele.
Mogolwane wa kompone ya Water Utilities Cooperation,Rre Boitumelo Legwaila a re thulaganyo ya tiro ya lenaneo le le neng le dirwa go tokafatsa seemo sa go siela metse metsi e e mo kgaolong ya bokone botlhaba ga mmogo le go isa kwa kgaolong ya Tutume e weditswe.
Rre Legwaila a re ka thulaganyo eo ba kgonne go tokafatsa seemo sa letlhoko la metsi mo kgaolong,a tlhalosa fa go tlhaela ga metso go goroga ka bokete go santse go dirwa ke gore metse mengwe e kwa godimo ka jalo metsi ga a kgone go goroga sentle teng.
O ne a solofetsa fa ba WUC ba tlaa se potlakela seemo seo go bona gore metsi a goroga kwa bathong.
O ile a ikuela mo boeteledipeleng joo go rotloetsa batho go duela dikoloto tsa metsi,a re batho ba emise go siela metsi bao ba ba kgaoletsweng metsi mo malwapeng a bone,a re go dira jalo ke molato ka WUC ke yone e nang le tshwanelo ya go siela batho metsi fela.
Mopalamente Rre Moabi o ne a gatelela botlhokwa jwa therisanyo le bokopano jo bo tshwanang le joo,a re seo se ka thusa batho go tlhaloganya dilo dingwe botoka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MASUNGA
Event : Puisanyo
Date : 27 Apr 2022