Breaking News

Ba bokone botlhaba ba lela ka tlhaelo ya lefatshe

27 Apr 2022

Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o gateletse botlhokwa jwa go isa ditirelo kwa setshabeng ele tsele nngwe ya go tlhalosa le go rekisa ditirelo tsa maphata a puso.

O buile se kwa thuto-puisanyo le boeteledipele jwa metse ya Masunga, Gambule, Vukwi le Gungwe ee eneng e rulagantswe ke lekgotla la kabo ditsha la Tati kwa Masunga ka Mosupologo.

Kgosi Maruje a re ga se gantsi lekgotla la kabo ditsha le nna le botsalano le setshaba, are le nna le supiwa ka monwana nako tsotlhe.

A re maphata a puso ke a setshaba ka jalo a tshwanetse go tshwaragana le go bereka le batho go ruta le go abelana megopolo.

O ne a ngongorega ka bonya jwa  kompone ya matlo ya Botswana Housing Cooperation (BHC) go aga matlo kwa Masunga, a supa fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko a badirela puso.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati Rre Nixon Mogapi o boletse fa dikopo di le 63 590 di santse di emetse go bewa ditsha, a supa fa mo dipalong tseo, 5 567 ele tsa Masunga, Vukwi ena le 1 424, Gambule 231, fa Gungwe e le 119.

A re tiego ya go aba ditsha e bakiwa ke tlhaelo ya lefatshe ka beng ba masimo a a gaufi le metse eo ba gana go busetsa masimo ao kwa lekgotleng gore le kgone go baya batho.

O kopile dikgosi go thusa kgang eo ka ba tswa kgakakala mme go sena thuso epe e ba e bonang ka balemi ba sa dumalana le kopo ya bone.

Rre Mogapi a re kgang ya go lwela melolwane le yone e na le seabe ka jalo a supa fa dikgang tsa melolwane di tlhalogangwa e bile dirabololwa ke magosi.

O ne a kgala ba ba tsayang nako go tlhabolola ditsha tsa bone a re seo se baka dikgotlhang ka bangwe ba felela ba tlhatlaganngwa mo setsheng se le sengwe. O ne a gakolola gore ba ba dirang jalo ba tlola ditumalano tsa bone, ka setsha sa bonno se tshwanetse sa bo se tlhabolotswe mo dingwageng tse tlhano, fa sa kgwebo ele ngwaga mme sa tshimo e le dingwaga tse tharo.

Rre Mogapi o boletse fa molao wa tiriso ya lefatshe wa nako eno, o letla motho go ka  kgaoganya setsha ka ditiriso bogolo jang sa tshimo, go lema le go ruela mo go sone.

Mokwaledi wa lekgotla la Tati, Rre Bious Segole o boletse fa ba santse ba le mo thulaganyong ya go dira moalo wa setsha seo e bile a tlhalosa fa kompone eo, e abetswe setsha sa diekere di le masome mararo le bone.

Rre Segole o ne a kopa botlhe go abelana megopolo ka fa ba ka tokafatsang ditirelo tsa bone ka teng gore ba kgone go isa ditirelo kwa bathong ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MASUNGA

Event : Thuto Puisanyo

Date : 27 Apr 2022