Breaking News

Kgamane o seegetswe fa thoko

27 Apr 2022

Motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane o seegetswe fa thoko mo tirong, go simolola Moranang a le masome a mabedi le bosupa, go fitlha ditlhotlhomiso di wela mabapi le go letlelela diphuthego tse di seng ka fa molaong, tse di neng tsa tshwarwa kwa kgotleng e tona ya Serowe bosheng.
Tona ya dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse o boletse se mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa Serowe maabane go lekodisa dikgosi tsa kgaolo potlana ya Serowe ka seemo sa dikgang tse di amanang le tlhoka kutlwisisano fa gare ga ga tautona wa pele, Lt. Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
Tona Autlwetse o tlhalositse fa Kgosi Kgamane a ne a itlhokomolosa makwalo, a a neng a ne a kwalelwa makwalo ke ene le tona wa pele wa lephata, Rre Eric Molale, a mo kopa gore a seka a tshwara diphuthego tse di neng di supa fa di tletse sepolotiki ebile bangwe ba tla ka mebala ya diphathi kwa kgotleng.
A re go na le lekoko le le tlaa tlhotlhomisang kgang ya go letlelela diphuthego tse di neng di se ka fa molaong mme morago ba bone gore kgato go tsewa efe, ka go belaelesega fa a ne a rotloetsa sepolotiki kwa kgotleng, selo se se sa letlelesegeng.
Rre Autlwetse a re go nnile le makwalo a kgakololo a ka nna mabedi mme Kgosi Kgamane a a itlhokomolosa, a tswelela ka go letlelela diphuthego tseo ka ebile di ne di na le mapolotiki.
O boletse fa Kgosi Kgamane a ne a bapisitse setilo sa gagwe, ka go letlelela tse di sa siamang mo kgotleng, mme se se dirile gore bo tona ba belaele tshokamo.
Tona Autlwetse o tlhalositse fa sepolotiki se sa letlelelwe mo kgotleng ebile dikgosi di sa letlelelwe go inaakanya le sepolotiki, a tlatsa ka gore ka kgosi ke matlho a puso e e busang, ba tshwanetse go nna le boammaruri ba tseye batho ka tekatekanyo.
Mo tekodisong ya gore go lekwe go agisanngwa Dr Khama le Dr Masisi, Rre Autlwetse o boletse fa Dr Masisi a dirile maiteko a go romela bagolo bangwe go balelwa, Rre Patrick Balopi, Re David Magang, Tautona wa pele, le Dr Festus Mogae  go bua le Dr Khama gore ba kopanngwe go bua dikgang mme ga palega.
A re Dr Khama o ne are ba ba romilweng go letlanya ba ka fa letlhakoreng la ga Dr Masisi mme kgang ya holotsa mme  Dr Khama o ne a batla gore a ipatlele lekoko la gagwe mme le lone la seka la atlega ka gore Dr Khama o ne a seka a dumalana le lone.
Rre Autlwetse o boletse fa dingwe tse Dr Khama a sa dumalaneng le tsone fa a sena go tswa mo setilong ke go fokolediwa baapei kwa bonnong jwa gagwe, go fokotsa mophato o o mo sireletsang le gore a rekelwe dijo fela jaaka a ne a santse e le tautona, mme Autlwetse a re molao motheo o letla gore go nne jaaka go dirilwe mo go bo tautona ba pele.
A re molemo wa go fetsa kgang ke gore bakopanngwe matlho a phage a lebane gore mongwe le mongwe a tlhalose gore gare go tsene eng.
O kopile dikgosi go thusa ka tharabololo ya kgang e e tsenyang setlhabi mo pusong.
A re fa go senang bogosi teng, morafe o itirela ka fa o ratang teng.
O boletse fa kwa gaMmangwato go simolola ka 1925 go fitlha ka 2022, go ntse go le batshwarelela bogosi fela go sena yo o tsepameng.
Dikgosi le dikgosana tse di di neng di tseneletse pitso di boletse fa ba sa bolo go batla tekodiso ya mofuta o mme ba bolela fa go diegile thata go lekodisiwa mo go tsentseng ketsaetsego mo morafeng.
Ba hakgamaletse go seegiwa ga motshwarelela bogosi jwa ga mmangwato.
Dikgosi di boletse fa dikgang di ne di nna mafaratlhatlha mo dipampiring tsa dikgang le maranyane mme ba sa itse gore boammaruri ke bofe, mme ka ya fa ba tshelela mo letshogong ka ba sa itse gore gatwe gare go tseneng.
Bangwe ba boletse fa sepolotiki se sentse seriti sa dikgosi ka gore le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse tse di berekang le bone, go tletse sepolotiki mme ba dumelana gore bogosi bo seka jwa inaakanya le sepolotiki. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2022