A dikgang tsa bogosi di tlhamelwe lekgotla la botsereganyi
26 Apr 2022
Tsamaiso ya nako eno ya gore Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae e nne ene motsereganyi mo dikgannyeng tsa maraganateng a bogosi ga e a lolama, ka jalo e tlhoka go hetolwa.
Se se builwe ke kgosana ya tletlanoyo, Rre Charles Cooper mo phuthegong e e neng e biditswe ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo kwa Hukuntsi ka Mosupologo.
“A go nne le lekgotla le le faphegileng le le tlaa bong le itebagantse le dikgang tsa bogosi,” o ne a bua jaana. Rre Cooper, yo e leng mokwaledi wa lekgotla la Dikgosana tsa Kgalagadi Bokone o ne a kopa gore maemo a go tweng ‘kgosana ya tletlanyo’ a emisediwe ka ‘kgosi ya tetlanyo’ ka a re lefoko kgosana le a nyenyafatsa.
Moruti Lazarus Rakgati wa lekoko la Baruti mo kgaolong ene o ne a kopa gore molao-motheo o nne le tsetlana e e tlamang gore go nne le lephata le le feletseng la tumelo le a reng le tlaa bo le itebagantse le dilo di tshwana le go kwadisiwa ga dikereke.
“Re kopa gape gore palo ya lekgolo le masome a matlhano e e lopiwang gore motho a kwadise kereke e boelwe morago ka jaana dipalo tsa metse mengwe di le kwa tlase thata,”o ne a kopa se mme a tlhalosetsa lekoko la tshekatsheko molao-motheo fa Bakeresete ba sa dumalane le go ratana kgotsa manyalo a boleng jo bo tshwanang ka e le tlolo ya molao wa Modimo.
Fa a ntsha la gagwe, Moemedi wa lekgotla la bagwebi mo Hukuntsi, Rre Bokang Phologolo o ne a tlhalosa fa lekoko la gagwe le ema nokeng mogopolo wa gore morafe e nne one o fiwang sebaka sa go itlhophela kgosi ka mothale mongwe le mongwe o ba batlang go o dirisa.
O ne gape a supa fa ene le lekgotla la gagwe ba eletsa gore dingwaga tsa bonana di atolosiwe go tswa mo masomeng a mararo le botlhano go ya kwa go masome a mane.
Go dira jalo, go ya ka monana yo, go ka berekela banana ba a reng gantsi ba simolola go supa bothakga jwa go dira matshelo ba le mo dingwageng tse di fetang masome a mararo.
A re gantsi banana ba go nna jalo ba tswalelwa ke dingwaga go ka ikopela mananeo a puso a go itokafaletsa matshelo le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko.
‘Go na le gore banana ba go nna jaana ba retelelwe ke go tsaya mananeo a puso ka gore nako ya mangwe mananeo a a simolodisiwa a a bo a ise a atolosediwe kwa magaeng mme ba bob a setse ba tshwerwe ke dingwaga mogang mananeo ao a gorogang kwa ba leng teng,” o ne a tlhalosa jaana.
Rre Bolokang Hiri, yo o neng a emetse lekgotla la Mopipi International, o ne a kopa gore molao-motheo o papamatse lebaka le kgang e tshwanetseng go e tsaya go simololwa e begwa go fitlhelela e atlholwa.
A re mo godimo ga gore go itlhophelwe Tautona ka letsatsi la ditlhopho, nako jaanong e gorogile gore ditlhopho tsa baemedi ka go farologana jaaka ba bopalamente, bokhansela le botautona di tshwarwe ka matsatsi a a farologanyeng.
“A ere mo tlhophong ya botautona motho yo o tlhatlhamang mofenyi e nne ene mothusa tautona,”o ne a fetsa jaana a kopa gape gore molao-motheo o pateletse gore go nne le mokgatlho mogolo o o tlaa bong o itebagantse le tsamaiso le bogakolodi jwa mekgatlho ya ditlhabololo tsa metse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : HUKUNTSI
Event : Tshekatsheko ya molaomotheo
Date : 26 Apr 2022