Monna wa Rapplespan o fitlhetswe a tlhokafetse
26 Apr 2022
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe wa Rapplespan kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa o fitlhetswe a tlhokafetse fa thoko ga tsela kgwedi eno e le lesome le bosupa.
Go ya ka mookamela mapodisi a Middlepits, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi mohiti ka tsela o ne a bona monna yoo a khubame ka mangole a ngaparetse terata e e ageletseng tsela, go lebega a sa tlhole a le mo botshelong mme a potlakela go begela mapodisi.
Assistant Superintendent Mmopi o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba ragogela teng mme ba feta ba isa rre yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
A re mo nakong ya gompieno, moswi o kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong mme o tlaa romelwa kwa kokelong ya Princess Marina, go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse.
A re go ya ka masika a moswi, go lebega a ne a le nosi mo mosepeleng go tswa Bogogobo kwa a neng a nna teng mme go lebega a ne a ya Middlepits, dikhilomithara di ka nna tlhano.
O gakolotse banni go nna ba kopa bangwe go ba pata mo mosepeleng, bogolo jang fa ba le bokoa, go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MIDDLEPITS
Event : Ditlhotlhomiso tsa mapodisi
Date : 26 Apr 2022