Motlakase o tlaa anama
26 Apr 2022
Phatlalatso ya motlakase kwa Kutuku, Itholoke, Kanaku le Mahotshwane e tlaa dirwa mo bogaufing.
Se se boletswe ke Mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile mo phuthegong ya kgotla kwa Kutuku ka Mosupologo
Rre Reatile o boletse fa motse wa Thankane one o saletse kwa morago.
O ne a rotloetsa banni ba go nna malala a laotswe go ka gokela motlakase mo malwapeng.
Mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e kgaoletse batho ba dikamogelo tse di kwa tlase madi a kgokelo ya motlakase, a re ‘go tserwe tshwetso ya gore batho ba ba amogelang dikete tse pedi le makgolo a le mane a dipula go ya kwa tlase, ba ka gokela motlakase ka dikete tse pedi le makgolo a matlhano, fa ba ba amogelang go feta foo bone ba tlaa tswelela ba duela dikete di le tlhano jaaka go ntse go dirwa.”
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Reatile a re tsholofelo ke gore sediba sa motse oo, se se epilweng ka madi a ditlhabololo tsa kgaolo, se gokelwe mo ngwageng ono wa madi.
A re keletso ke gore sediba seo se gokelwe go dirisiwa motlakase wa marang a letsatsi ka jaana letsatsi le le lentsi mo kgaolong eo.
Le fa go ntse jalo, mopalamente a re se ke kgwetlho ka jaana ba tshwanetse go batla moitseanape yo o ka dirang tiro eo, mme ditlhwatlhwa di le kwa tlase.
O ne gape a ba tlhalosetsa gore kopo ya bone ya gore lekoko le le tlhomilweng ke Tautona la tshekatsheko ya molao motheo le tle go ba lekola go tsaya megopolo ga e a atlega, ka lekoko leo le tlhalositse fa thulaganyo ya lone e sa kgona go tsenya metse yotlhe, mme mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane diphuthego tseo di tlaa tshwarwa kwa Mabutsane, Jwaneng le Mokhomma.
Le fa go ntse jalo, o ba boleletse fa ba ba sa kgoneng go tsena diphuthego tseo ba rotloediwa go isa megopolo ya bone ka mekwalo.
Erile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Kutuku ba mo akgolela go sala dikgang tsa bone morago ka botswapelo, mme ebile a ba busetsa diphetolo.
Ba re go dira jalo go ba fa tsholofelo ya gore ditlhabololo di tlaa nna di goroga mo motseng wa bone.
Mme Bantlhotse Taole ene o ne a akgolela puso go fokoletsa batho ba ba dituelo tse di kwa tlase madi a go gokela motlakase, a re go tlaa thusa ba le bantsi, le ba Ipelegeng ba tlaa kgona go tsenya motlakase le go simolola go dirisa dilo tsa maranyane.
Le fa go ntse jalo, Mme Taole o ne a supa fa bontsi jwa megoma e e saleng e rekelwa batho mo motseng e sule, mme go le thata go e baakanya, a re se se ba kgoba marapo le ntswa puso e rotloetsa gore ba leme.
Mme Omphemetse Thojane ene o ne a supa gore ere ntswa ba lebogela maiteko a khansele a go phatlalatsa melaetsa ya go ikopela ditiro, ba kopa gore bontsi jwa tsone di bewe mo motseng gore ba ba senang maranyane ba kgone go iteka lesego.
A re go dira jaana go ka thusa go tsosa itsholelo ya motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KUTUKU
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 26 Apr 2022