A ba duelele kgodiso ya bana
25 Apr 2022
Banni ba Hunhukwe ba re borre ba ba latlhang bana mme morago ba ba boele, ba patelediwe go duelela kgodiso ya bana bao.
Fa ba itekodisa lekoko le le tlhomilweng ke tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo kwa phuthegong ka Mosupologo kwa Hukuntsi, ba ngongoretse go nna moriti o tsididi ga borre fa ba setse ba boetse mo matshelong a bana ba bone.
Moemedi wa banni ba motse , Rre Charles Paledi o boletse fa borre bangwe ba godisetsa bangwe ka bone bana ka tshokolo mme e re morago borraabone ba bo ba tla go ba ba amoga.
A re mo mabakeng a go nna jalo borre bao ba ba neng ba phuagantse bana ba tshwanetse ba tlangwa ke molao go duela ba ba neng ba tsaya boikarabelo jwa go ba godisetsa bana.
Monni wa Tshane, Rre Kagiso English a re molao-motheo o tshwanetse wa sireletsa tshwanelo ya go amogela ditirelo tsa botsogo tsa tlhwatlhwa ga mmogo le ya go nna le lefatshe.
O ikuetse mo lekokong gape gore ditshwanelo tsa batho ba ba kileng ba ya kgolegelong di sirelediwe gore ba kgone go itshetsa.
Rre English a re go tsewa menwana ga batho bao go ba itsa go kgaratlhela itshetso ya bone ka jaana go ba thatafaletsa go ka thapiwa mo ditirong Fa monni wa Maake Rre Monare Sekgole a re maiteko a go sireletsa diteme tsa mo gae kgatlhanong le go nyelela a tshwanetse a nonotshiwa ka go tlhongwa ga diromamowa tsa merafe.
Rre Sekgole a re seo se ka thusa go gorosa melaetsa ya botlhokwa kwa setshabeng le go anamisa mananeo a puso ka tsela e e tlhaloganyesegang mo bathong botlhe ba lefatshe leno.
Rre Poloko Monang wa Hukuntsi o ngongoregile ka se a rileng ke go gogela kobo kwa merafeng e megolo e e robangbobedi fa go tla kwa go abiweng ga ditlhabololo. A re merafe e e sa lemogweng ke molao-motheo e saletse kwa morago mo ditlhabololong, ka jalo a kopa gore seemo seo se tsenngwe leitlho se bo se baakanngwe.
Rre Tshepang Ramasomo, le ene e le wa Hukuntsi o tlhalositse fa go nyelela ga batho go le botlhoko segolo jang ka a supa fa sepodisi se sa dire go lekane mo go batlweng ga batho fa ba timetse.
A re malwapa a a nyeleletsweng ke batho a letlelesege ka fa molaong go batla batho ba bone ka ditsela tse di farologanyeng di akaretsa go dirisa matsipa a dingaka tsa setso le baporofiti.
Monni yo mongwe wa Hukuntsi Rre Marang Moapare o tshwenyegile ka go tlhoka matlhabelo kwa kgaolong ya bone le mororo e le boremelelo jwa thuo ya kgomo.
Seemo se a re se itsa batho ba kgaolo go ka bona diphatlha tsa mebereko ka ntlha ya gore ditiro tsotlhe tse di amanang le go tlhajwa ga kgomo le go tlhotlhwa ga nama ya yone di dirwa ka mafelong a sele.
Rre Moapare a re go isiwa ga diphatlha tsa mebereko go sele go pateletsa banana ba kgaolo eo go fuduga ka mmetela mo kgaolong ka go sena ditiro dipe mo gae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : HUKUNTSI
Event : Tshekatsheko ya molaomotheo
Date : 25 Apr 2022



