Breaking News

Banni ba ngongorega ka tsa boipelego

25 Apr 2022

 Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogorosi, Rre Motlhanka Pheko, a re banni ba ga ba amogele ditirelo tsa boipelego tse di kgotsofatsang.

A re se se dirwa ke gore ga gona maboipelego kgotsa raboipelego kwa Mogorosi, a tlatsa ka gore le fa a ka nna teng, o tsena a bo a fudusediwa kwa motseng o mongwe.

O buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi.

Rre Pheko o tlhalositse fa go na le batho ba le bantsi ba ba tlhokang ditlamelo tsa boipelego jaaka dikhutsana le batlhoki mme ofisi ya boipelego ga e na bodiredi.

A re fa go ka nna le maboipelego kgotsa raboipelego, o tsaya dikgwedi di se kae fela a bo a tsamaya.

A re se, se dira gore banni ba seka ba bona dithuso sentle ka gore yo o tlaa bong a tsamaya o tlogela dikopo di sa ya kwa go tshwanetseng gore batho ba thusiwe.

A re go na le batho ba ba iseng ba seka-sekwe go bona gore a ba ka fiwa dithuso tsa boipelego ka gore ga gona yo o ka ba thusang.

Rre Pheko a re ditlamelo tsa boipelego di botlhokwa ka di netefatsa gore batho ba bona dithuso tse di ka dirang gore ba tshele matshelo a a botoka.

Modulasetilo o tlhalositse fa gape ba sa itumelele ditlamelo tsa botsogo tse ba di bonang kwa kokelwaneng ya bone.

A re kokelwana ga e bulwe ka mafelo a beke mme se se ba pateletsa go ya go batla dithuso tsa botsogo kwa Serowe.

A re se, se baya ba ba senang dipalamo kgotsa madi a go ya Serowe ka fa mosing ebile se tsenya botsogo jwa bone mo diphatseng.

O kopile mopalamente le mokhanselara go bereka mmogo go netefatsa gore Mogorosi o bona kokelwana ya maemo a a fa godimo ka motse o godile ebile o golela pele.

Mokhanselara wa Mogorosi/Thabala, Rre Edward Gaefele a re ga se maikaelelo a khansele go isa bodiredi jo bo sa ntsheng maduo a a kgotsofatsang ka jalo, fa modirelapuso a sa dire tiro e e kgotsafatsang, o ntshiwa mo lefelong a isewe kwa go le lengwe, go bona gore a o ka se tokafale.

A re banni ba na le maikarabelo a go isa matshwenyego a bone kwa khanseleng fa modirelapuso a sa ba thuse jaaka a tshwanetse.

O tlhalositse fa Mogorosi a tlaa nna le raboipelego mo nakong e e gaufi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : MOGOROSI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Apr 2022