Breaking News

A matlhalerwa a nyelediwe

21 Apr 2022

Matlhalerwa a a apesitseng barui ba meraka ya Ncojane, Kole, Metsimantle, Ranyane le Metsimantsho kobo ka letshoba ka go ba jela leruo a tshwanetse a bolawa.

Se se builwe ke Rre Stephen Mosimane yo e leng leloko la mokgatlho wa Keledi Farmers Association fa a ne a rola maikutlo fa pele ga lekoko la tshekatsheko molao-motheo la Tautona le le romilweng kwa kgotleng ya motse wa Ncojane ka Labobedi.

“Lekanyane le tsisa lehuma mme ebile ga gona sepe se e leng gore re le barui kgotsa puso re a se akola mo go lone.

Ga le kgatlhe ka sepe ga le na poelo epe,”o ne bua jaana a kopa gore molao-motheo o laole gore ntša eo ya naga e nyelediwe mo lefatsheng leno.

Mo go tse dingwe Rre Mosimane o ne a bolelela lekoko fa balemi ba dikgaolo tsa Ncojane ba ka leboga  fela thata fa molao o ka dira gore ditsheko tsotlhe tsa bogodu jwa leruo di sekelwe fela ko makgotleng a Setswana.

A re bontsi ja balemi ke Batswana fela ba sekei ba bontsi jwa bone ba sa itseng sepe ka tsamaiso ya makgotla a ditsheko a ga mmakaseterata.

“Gore baya ka fa mosing re le barui ka bontsi ja rona re sa tsena dikolo, ebile ga re tlhaloganye melao sentle mme gape  rena le poifo fa go buiwa ka babueledi,”a tlhalosa jalo.

Go ya ka morui yo, manotonyana a a kgatlhanong le gore dikgang tsa ditsheko tsa leruo di sekelwe kwa makgotleng a Setswana ke magodu ba a reng ba apesitse Motswana kobo ka letshoba.

Mo go tse dingwe Rre Mosimane a re lekgotla la gagwe le eletsa gore katlholelo leso e tswelele jaaka e ntse.

O supile poifo ya gore fa katlholelo leso e ka emisiwa seemo se ka bifa a lebile gore batho ba tsweletse ka go ganyaola ba bangwe molao o o ntse o le teng.

Rre Mosimane o supile lekgotla la ditshwanelo ka monwana go bo le le kgatlhanong le katlholelo leso.

Lekgotla leo go ya ka Rre Mosimane le bonala fela fa mmolai a lebanwe ke go kalediwa mme ebile le buwa fela ka tshwanelo ya botshelo jwa le itlhokomolosa ditshwanelo tsa motho yo o gapetsweng botshelo.

O ne a akgola tsamaiso ya ditlhopho e a reng ga e tlhoke go fetolwa ka tsela epe bogolo jang ka e tataisitse lefatshe leno e bile e tlisitse kagiso le thokgamo.

Le fa go ntse jalo, Rre Mosimane o ne a kgala Sections 77, 78 le 79 tsa molao motheo a re di a kgetholola mme ebile di kgatlhanong le Section 15 e e sa beyeng sebete kgethololo ya mofuta ope hela.

E ne ya re a ntsha la gagwe, Moruti Lesheto Mothibi wa lekgotla la baruti mo Ncojane a kopa gore baruti ba lemogwe ke molao-motheo ebile go nne le letsatsi le le kgethegileng mo le le ba tlotlomatsang jaaka bontlha bongwe jwa boeteledipele jwa setšhaba.

Le fa go ntse jalo, Moruti Mothibi o ne a supa fa e le keletso ya lekgotla la baruti go dira molao o ka o ne baruti ba ka tlhodumelwang gore a ba direla diphuthego tsa Modimo sentle.

O ne a tlhalosa fa go sa siama gore baruti ba ikamanye le makgotla a sepolotiki ka ele bone batshereganyi ebile ba sidila maikutlo a setšhaba mo diemong tse di thata.

Rre Duelang Setswalo yo o neng a buwa mo boemong ja ba-na-le-bogole ene o ne a kgala a bo a kopa gore karolo ya molao-motheo wa nako eno e e tlhalosang tse di lejwang gore motho a ka nna moemedi wa batho ko palamenteng (Section 61 d) e a kgetholola ka jalo e tshwanetse ya ntshiwa gotlhelele mo molao-motheong wa lefatshe la Botswana.

“Re le ba-na-le-bogole re sebete se molangwana ka temana e, ebile re batla e fetolwe ka e sa neele ba-na-le-bogole sebaka sa go emela maemo a palamente. Temana e e tlhalosa gore fa o le motlhoka-puo, motlhoka-pono- kgotsa o na le bogole bope fela ga gona fa o amanang teng le palamente.”

A re karolo e a ama bogolo jang mo nakong ya gompieno e go nang le botegeniki jo bo tseneletseng jaaka bo braile ga mmogo le batho ba ba ithutetseng go ranolela ba-na-le-bogole.

Re Setswalo a re ele ba-na-le-bogole ba batla gore molao-motheo o papamale fela o patike puso go dira molawana o o feletseng o o lebaganeng le matshelo a bone a letsatsi le letsatsi mme e bile o tlama badirela puso go ba thusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : NCOJANE

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 21 Apr 2022