Breaking News

A molao o sireletse moru-kgomo - monni

20 Apr 2022

Barua-kgomo hela jaaka mogwebi mongwe le mongwe, ba tshwanetse e nne bone ba ba laolang tlhwatlhwa ya nama ya dikgomo tsa bone.

Se se builwe ke Rre Isaac Katjinotjiwa mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo mo motsing ha le ne le etetse  kwa motseng wa Charleshill maabane.

Rre Katjinotjiwa o kgadile a sa kgwe mathe tsamaiso e e leng teng mo go yone barui ba bolelwang ditlhwatlhwa tsa nama ya dikgomo tse ba di sokoletseng ke boradibuchara.

Ka jalo Rre Katjinotji o kopile gore molao-motheo wa lefatshe la Botswana o sireletse moruakgomo ka go dira gore e nne ene a laolang tlhwatlhwa ya kgomo ya gagwe.

Morui yoo, o ne gape a supa fa a sa jeswe di welang ke kgang ya go tlhophiwa ga maloko a kabo-ditsha ke tona. A re thulaganyo e, e tshwanetse ya boelwa morago mme ga busediwa e mo go yone o neng o itlhophelang maloko.

Moruti Paul Phuthego e ne o ne a kopa gore go nne kafa molaong gore baruti kgotsa kereke e nne le kemedi mo dikgangnyeng tsotlhe tse di amang lefatshe.

“Nako tse dingwe o fitlhela re filwe ditsha kgakala le metse, selo se re sa se eletseng re le phuthego ya modimo,”o ne a buwa jalo.

Moruti Segolame Muzola wa Heaven Planter International ene o ne a kopa gore molao-motheo o fetole tsamaiso e mo go yone kereke e ka kwadisiwang fela fa e na le maloko a le lekgolo le masome a matlhano.

O kopile gape gore kgang ya gore moruti o tshwanetse a bo a na le dithuto dihe e seegelwa kwa thoko a tlhalosa fa kereke kgotsa boruti ele pitso go tswa ko go mmopi.

“Re eletsa gape gore go nne ka fa molao-motheong gore dikolo di hirelwe baruti go ruta baithuti ka bomodimo,” o ne a supa jalo, a re botlhokatsebe jo bo feteletseng mo dikolong lefatshe ka bophara bo ka alafiwa fela ke thuto ka poifo Modimo. Moruti Muzola o ne a kopa gore molao o fetolwe gore dikereke di fiwe ditsha mo go tse di segetsweng bonno gona le tse di sekitsweng mekgatlho le dikgwebo jaaka go diragala mo nakong eno.

Rre Simon Ngwamotsoko yo a neng a buwa boemong jwa banana, o ne a tlhalosa fa bone ele banana ba Charleshill ba eletsa go bona batho ba ba betelelang ba tsena toronko botshelo jotlhe.  A re gape ba batla go bona dikgang tsa polao di fefogelwe gore di bo di weditswe mo dikgweding tse di sa feteng borataro.

O tlhalositse gape fa ba gore molao-motheo o tlame puso go letlelela go dirisiwa ga dipuo tsotlhe.

A tlatsa ka gore: “Ntle ke tlhalose fa rona re le bana ba Charleshill re le kgatlhanong le go ratana ga bong jo bo tshwanang jo jaanong bo ileng magoletsa thata mo kgaolong.”

Monana yoo gape o ne a kopa gore go nne ka fa molaong gore molao-motheo o sekasekwe dingwaga dingwe le dingwe tse di lesome. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : CHARLESHILL

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 20 Apr 2022