Breaking News

Bomme ba mapodisi ba abela boora Marutshe

19 Apr 2022

 Bomme ba Botswana Police College Women Network go tswa Otse ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela boora Marutshe dilwana tsa ntlo ka letsatsi la papolo ya Morena.
Ba ne ba shelwa ke ntlo ngwaga o o fetileng. Fa a bua kwa tirong ya kabo dimpho, mothusa mookamela mapodisi a a tlhatlhelelang a mangwe dithuto, Mme Dipontsho Pharithi o ne a tlhalosa gore e re le ntswa tiro ya sepodisi e le go tlhokomela setshaba le dithoto, ba tshwaraganye le setshaba.
O ne a tlhalosa fa go na le lekalana la bomme la Botswana Police Women Network mo diofising tsa sepodisi gongwe le gongwe lefatshe ka bophara le le emang nokeng bomme ba bangwe le badiri ka bone.
O boletse fa maikaelelo a lone e le go ema bomme ka bone nokeng ka go tsaya boikarabelo, go supa mowa wa bopelotlhomogi le lorato mo badiring ka bone le mo setshabeng.
A re jaaka e le bomme ba thswanelwa ke go emela malwapa a bone ka dinao go a tshegetsa le go godisa bana mme gape go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong tse mo gongwe di felelang di dira gore ba kotlomele maikutlo, ka jalo ba Botswana Police Network ba tsenye letsogo go thusa.
 Mogolwane o ne a supa fa ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba bona fa go le botlhokwa go thusa modiri ka bone e leng Rre Kobamo Marutshe yo ka nako eo o neng a sa ntse a berekela mo Tsabong e le special Constable morago ga go begelwa fa ntlo ya gagabo e shele ya bo ya lora ngogola.
O boletse fa mo nakong eno Rre Marutshe a ne a nna lesego go ya kwa ithutuntshong ya sepodisi kwa Otse, selo se se dirileng gore ba tsibogele maikaelelo a bone go leba kwa Omaweneno go thusa ba lolwapa lwa gagwe.
O boletse fa ba ne ba kgona go kokoanya P20 000 e leng one a ba kgontshitseng go rekela boora Marutshe dilwana tsa ntlo di akaretsa malao a mabedi, setsidifatsi, setofo le botlolo ya fase e e apayang, raka, dikobo, dijana le dijo.
E re ka jaana dikgang tsa dipolaano,tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi le kgokgontso ya bong di sa jese mapodisi le setshaba ka kakaretso diwelang, Mme Pharithi o ne a gakolola banni ba kgaolo eo go di bega ka nako gore badira molato ba tle ba kgone go tseelwa dikgato tse di maleba.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Sam Bimbo wa Omaweneno o ne a tlhalosa fa boora Marutshe ba ne ba diragalelwa ke tiragalo ee utlwisang botlhoko thata ya go shelwa ke ntlo ya dikamore tse tharo tsa borabalo, ya re ba santse ba akabetse maru a ratha dipodi tse thataro tsa bone mme morago tse di setseng tsa anwa phefo.
Kgosi Bimbo o boletse fa tiragalo eo e ne e ngomola pelo mme a galaletsa bomme ba mapodisi go bo ba tlhotlheleditswe ke mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko.
O ne a ba kopa go ikanya le go tshepa mo Modimong ka nako tsotlhe a ba gomotsa ka lokwalo lwa ga Jobe.
Fa a amogela dilwana, mong wa lolwapa Rre Charles Marutshe o ne a phophotha legetla ba Botswana Police College Women Network a supa e le tiro e ntle e ba e dirileng ya go ema modiri ka bone nokeng mme a ba kopa go tswelela ba dira jalo le mo go ba bangwe.
Mopalamente wa Kgalagdi Borwa Rre Sam Brooks o ne a supa diragalo e e neng e diragaletse boora Marutshe ya go shelwa ke ntlo e ne ya tlisa bohutsana le gone go ba busetsa kwa morago go nna batlhoki, mme a leboga bomme ba sepodisi ka dimpho tse ba di ba abetseng.
Rre Brooks o ne a supa fa dimpho tseo tsholofelo e le gore di tlaa ba sidila maikutlo le gone go akanya go gatela pele ba tswelela le botshelo go tswa fa ba leng teng mme a tlatsa ka go supa fa a tshepa fa dilwana tseo ba di amogetsweamogetse ka lorato le gore di mo diatleng tse di siameng tsa batsadi ka ba tlaa di tlhokomela sentle gore di tle di ba solegele molemo. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Apr 2022