Breaking News

Kereke e aga setshaba 1

19 Apr 2022

 Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Talita Monnakgotla o kgothaditse dikereke go tswelela di na le seabe se se bonalang mo go ageng le go bopa setshaba gore lefatshe leno le tswelele le rena kagiso.
Mme Monnakgotla yo gape e leng mopalamente wa Kgalagdi Bokone o buile jaana ka letsatsi la papolo ya Morena jaaka a ne a bula semmuso kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church e diphuthego tsa yone di phuthaganetseng kwa Tsabong.
Kereke eo e simologile ka 1959 mo Botswana mme ya kwadisiwa semmuso mo lekgotleng la dikereke ka 1973.
Mosimolodi le moeteledipele wa kereke ya ERP Unity Church e ne e le Saint Archbishop Kenaleeng Katjiphaha yo o tlhokafetseng ka 2008, mme mo nakong ya gompieno e mo diatleng tsa ga Archbishop Tshenolo Mautle.
Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa ka ntlha ya mowa wa boithaopo, go dira mekolokotwane le tse dingwe bontsi jwa diphuthego bo setse bo na le dikago tsa sennela ruri ka gole pele diphuthego tsa yone di ne di obama mo tlase ga ditlhare ka e simologetse fela mo legoeleleng.
A re mo nakong ya gompieno e setse e godile le go tlhabologa ka e setse e na le diphuthego tse di masome mararo le boferabongwe mme ntlokgolo e le kwa Kanye, a supa fa gape e setse e na le diphuthego kwa Namibia le Afrika Borwa.
O ne a galaletsa ERP Unity Church ka go thusa puso mo nakong ya segajaja sa COVID-19 ka go ntsha P20 500 le ntswa dikereke di ne di goga ka bokete ka go ne go sena bokopano. Mme Monnakgotla o ne a lebogela kereke eo go bo diphuthego tsa yone di na le banana ba bantsi, selo se a supileng fa se itumedisa ka se tlaa thusa mo kagong ya bone ka e le bone bogogi jwa ka moso, a tlatsa ka go e galaleletsa go tshegetsa le go sala morago ditsamaiso tsa puso go aga setshaba jaaka e le maitlamo a molao-motheo wa yone.
O ne a abela kereke eo P1000.00 le go ba solofetsa go ba rekela laptop go thusa mo ditirong tsa kereke.
Fa a bua ka ditso tsa kereke eo, Moruti Johannes Hambira o ne a tlhalosa fa mosimolodi wa yone Archbishop Katjipaa yo o neng a tlholega kwa Makunda mo Kgaolong ya Gantsi a gorogile ka 1962 mo Kgalagadi Borwa.
Moruti Hambira o ne a supa fa e ne e le moporofeti wa nnete yo o neng a romilwe ke Modimo ka a ne a dira dikgakagamatso ka go fodisa batho kage bile go ne go sena ditirelo tsa botsogo tse di nametsang mo nakong eo, gammogo le go gasa lefoko la Modimo le gone go bopa le go aga setshaba a tshwaraganye le magosi a nako.
Moruti Thekololo Molatole fa a bua maikaelelo a kereke eo o ne a tlhalosa fa e le go gasa lefoko la Modimo gongwe le gongwe fa batho ba le teng lefatshe ka bophara, go rotloetsa popagano, kagiso, boineelo mo dikerekeng le gone go bereka mmogo ba le seopo sengwe.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso Archbishop Mautle o ne a supa fa letsatsi la papolo ya Morena e le go gakologelwa tse di botlhoko tse di diragaletseng Morena Jesu ka a ne a bogisiwa, a papolwa go swela dibe tsa rona.
Archbishop Mautle o ne a kgothatsa diphuthego tsa ERP Unity Church go nna sekao ka go ikgapha mo go tse di duleng mo tseleng mme ba itsetsepele ka lefoko la Modimo ka e le lone lesedi go ba kaela go dira tse di molemo e bile di amogelesega mo setshabeng. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : etsatsi la papolo ya Morena

Date : 19 Apr 2022