Borre ba rotloediwa go tsaya maikarabelo
19 Apr 2022
Borre ba Pallaroad ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela malwapa le go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi tse di tsereng phekelo e sele.
Go supilwe fa borukutlhi le kgokgontsho ya bong di tshwenya mo motseng oo.
Kgosi Moses Mpaesele o buile jaana fa a amogela baeng kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Pallaroad ka Laboraro.
O ne a supa fa bogodu jwa leruo le jone bo sa ba robatse mo motseng, a tlatsa ka go re, ‘jo bo dirwa ke bana, e seng bagolo.
“Bana ba na le dikgomo, dipitse le dipudi mme potso e e tshwenyang ke gore ba di tsaya kae?”
O kopile Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong gore a ba tswe maoto go ba kopela ba lenaneo la kgomoKhumo gore ba ba etele go ba thusa seemo se.
A re le bogodu jwa go thuba mantlo bo gorogile mo motseng wa gagwe, go tsewa dipompo tsa metsi.
O buile gore e ne le lekoko la gagwe ba tsile go thulanya ditlhogo gore borukutlhi le kgokgontsho ka go farologana ga yone di ka fenngwa jang.
Fa a tlhalosa maikaelelo a pitso e, morulaganyi wa tsa twantsho borukutlhi wa District No16, Inspector Malakia Gabana o supile fa go lemosegile gore borre ga ba ke ba nna teng ka dipalo tse di nametsang, fa go buiwa ka matshwenyego a a amang setshaba.
A re kgokgontsho ya bong e golela pele, mme borre ba supiwa ka monwana gore ke bone ba nang le seabe se segolo.
Ka jalo, o tlhalositse fa ba bone go tshwanela gore ba bitse borre ba tle ba utlwe gore matsapa di a tsaya kae, le go utlwa ka tse di bakang mathata a.
O rotloeditse borre ba Pallaroad gore ba itirele komiti e e tshwaraganeng le ya ditlhabololo tsa motse e e tlaa ba thusang go rarabolola diemo tse ba nang le tsone.
A re ba molao ba ka bua, mme dikgang le maikarabelo di mo morafeng.
Mo nakong ya gompieno, Inspector Gabana a re dibeteledi di oketsegile di gongwe le gongwe.
Okopile borre go nna le seabe mo tlhokomelong ya bana, gore ba kgone go lemoga fa bana ba tswa mo tseleng, a gatelela gore borre ba rwale boikarabelo a go tlhokomela malwapa otlhe, e seng a bone fela.
O kopile gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di begwe gore mapodisi a kgone go bepisa seemo.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Kgamane o tlhalositse fa thuto-puisanyo e, e itebagantse le borre ka e le bone ditlhogo tsa malwapa.
“Re batla go aga malwapa, ka jalo re bone go tshwanela gore re agele fa godimo ga rre, jalo go tshwanetse gore rre a bo a itlotla, mme rre wa gompieno o lebega e le selalome.
Selo se, ke sone se emisitseng puso ka dinao go leka go tla ka mananeo go lwantshana le seemo se,” a tlatsa.
Go tsweng goo-Lowe, Kgosi Kgamane a re rre e ne e le motho yo go dumelwang a le botlhale e bile a na le maatla a go rarabolola mathata, selo se se fetogileng mo bogompienong.
Ka jalo, o kopile borre go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng go rarabolola seemo se setshaba se lebaneng le sone se.
O ne a bolelela borre fa e le bone ba ka ikgalemelelang bana, e seng gore ba emele mongwe go tswa go sele gore a ba thuse.
“Ga go na ope yo o ka fedisang ditiro tse di sa nnang sentle tse, kwa ntleng ga bone badiri ba tsone ba e leng bana ba rona,” a tlatsa.
Fa a akgela, Rre Oduetse Tshobo, yo o neng a tsile pitsong e, o ikuetse ka kgang ya bogodu jwa leruo jo bo keketseng mo Pallaroad.
Se se gakgamatsang, a re ke go bona ngwana a fetsa sekole mo nakong e e sa fediseng pelo a bo a setse a na le moraka.
Fa a tsibogela dingongorego ka seemo sa borukutlhi, Inspector Gabana o supile fa dikgang tsa petelelo di sa ame bomme fela, a re le borre ba a amega.
Ka jalo, o rotloeditse borre go gololesega go begela mapodisi melato e gore ba kgone go thusiwa.
Le fa go ntse jalo, o tlhagisitse gape fa go na le bomme bangwe ba ba gwebang ka mmele, ba e reng fa rre a sa dira tumalano ya gagwe le bone, ba bo ba fetola kgang ka maikaelelo a go pega wa rre molato wa petelelo.
Mo godimo ga moo, o tlhalositse fa go tlhamilwe ofisi e e itebagantseng le dikgang tsa kgokgontsho ya bong, gore batho ba phuthologe go bua mathata a bone le go fefosa dikgang tsa kgokgontso ya bong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : PALLAROAD
Event : potsolotso
Date : 19 Apr 2022