Breaking News

Nonofa mo tumelong - mookamedi

19 Apr 2022

 Mookamedi wa kereke ya Moreana Apostolic Church in Zion, Rre Marshal Sefako, o gwetlhile Bakeresete go nonofa mo tumelong e a reng e ka ba kgontsha go ema kgatlhanong le dihawa tse di lebaneng sika loo motho.
A re dihawa di tshwana le tlhagogo ya malwetse a a sa alafesegeng, botlhoka tsebe jwa banana, dintwa tsa sepolotiki le tse dingwe di tshwanetse go tshwaraganelwa ka maatlametlo a thapelo go di fedisa.
Mo puisanyong le BOPA, morago ga go tshwarwa ga meletlo ya Paseka, mookamedi Sefako, o tlhalositse fa ba kgonne go phuthaganela kwa Hunhukwe go itshekatsheka e le boeteledipele jwa kereke gammogo le maloko.
A re seo se tla morago ga go itemogela kwelo-tlase ya mowa wa sedumedi mo Bakereseteng le ntswa Baebele e e boitshepho e ba rotloetsa go tshwara ka thata mo tumelong le fa ba le gare ga ditsietsi.
Kwelo-tlase eo, a re e bakilwe ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 ngogola, mme seemo seo a re se ne sa patika dikereke go ka tsweledisa maiteko a go nosetsa tumelo.
Le fa go le jalo, a re Paseka ya monongwaga e nnile pharologanyo ka jaana le mororo dipalo e ne e se tse di nametsang, ba kgonne go ka tsweledisa thomo ya Modimo.
Mookamedi Sefako a re seemo sa COVID-19 se dikile se apesitse lefatshe kobo ka letshoba ka jaana se amile matshelo a batho mo go ngomolang pelo.
A re bangwe ba latlhegetswe ke masika ka bokete, ga nna le koketsego ya masiela le dikhutsana gammogo le batlholagadi.
A re jaaka e le tlwaelo, kereke ke yone botshabelo fa diemo tsa botshelo di nna jaana mme a re ka seo, kwa bokopanong joo ba kgonne go ithulaganya gore ba ye go tsweledisa seabe sa kereke mo go fetoleng matshelo a batho.
 Le fa go le jalo, a re le ntswa seemo sa bolwetse se santse se kokobetse go se gonene mme se ise se wele, ba-na-le seabe ka kakaretso ba tshwanetse go tshwaragana le dikereke go bona gore ba emelelana le diemo tseo jang go ka fetola matshelo a batho. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUNHUKWE

Event : potsolotso

Date : 19 Apr 2022