Molemo wa kgang ke go buiwa
18 Apr 2022
Mapodisi a Middlepits mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le boferabongwe a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo ya gagwe.
Go ya ka mookamela mapodisi a Middlepits, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi, ba begetswe tiragalo eo ke baagisanyi ba monna yoo kgwedi eno e le lesome a bobedi mo mosong ka jaana a ne a nna a le nosi.
Assistant Superintendent Mmopi o ne a tlhalosa fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa tiragalo e diragaletseng teng mme ba ragosetsa rre yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Assistant Superintendent Mmopi o boletse fa e ne e rile go le pele monna yo, yo o tlholegang kwa Kolonkwaneng, go bilelwa fa a ne a tlhoka kutlwisisanyo le mosadi wa gagwe.
O boletse fa moswi a ne a dirisitse mogala go ikgapela botshelo a dirisa ditlhomeso tsa ntlo ya gagwe.
Serepa se santse se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile diragalo eo.
Mogolwane o supile fa dikgang tsa mofuta oo di tshwenya, a tlatsa ka go re tiragalo e ke ya ntlha monongwaga fa mo ngwageng o o fetileng ba ne ba gatisitse e le nngwe.
Ka jalo o ne a gakolola borre le setshaba ka kakaretso go kopa dithuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa batsadi ka e le bone ba rerang manyalo a bone.
O ne a re mapodisi, dikgosi, dikgosana, baruti, ba boipelego le ditsala tsa bone ba ka thusa mo tharabololong ya dikgang tsa bone gore kwa bofelong go rene kagiso mo malwapeng a bone.
E re dikgang di eme jalo, Assistant Superintendent Mmopi o ne a kopa bakgweetsi go dirisanya sentle le mapodisi mo ditseleng le gone go ela tlhoko matshwao a tsela ka dinako tsotlhe.
O ne a ba gakolola go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse, le go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang le gone go ikhutsa fa ba lapile go itsa dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KOLONKWANENG
Event : potsolotso
Date : 18 Apr 2022