Boitseanape jwa temo bo godisa thobo
18 Apr 2022
Go nna pelotelele mo tirisong ya boitseanape jwa temo go ka tlhabolola le go tokafatso thobo.
Se se ka kgonagala fela fa balemi ba ka seka ba felela pelo kitso ya temo-thuo e e akaretsang dilo di le mmalwa di tshwana le go tlhatlhojwa ga mmu pele go ka bolawa mhero, go agelela tshimo le go sala dikgakololo tsa balemisi morago.
Se se builwe ke moitseanape wa tsa temo, Rre Galeitsiwe Ramokapane kwa Lerala ka Laboraro jaaka go ne go ketekwa letsatsi la masimo.
Letsatsi le le ne le tshwerwe ka setlhogo se se reng: Tiriso ya Methale e Mesha go Rotloetsa Thobo.
Rre Ramokapane, yo gape e leng mookamedi wa khamphani ya TSA, e e itebagantseng le tsa temo-thuo, o tlhalositse fa temo e tshwana le tsholo le kgodiso ya ngwana, ka molemi a tshwanelwa ke go sala morago ditsetlana tse di akaretsang go itse gore sejalo se a se lemang ke sone mang, se tsaya nako e e kae le gore se tshwenngwa ke eng mo botshelong jwa sone.
O ne a tswelela a tlhalosa fa selo se setona mo masimong e le go lema sejalo se se batlwang ke mmaraka.
A tlhalosa fa dikgwetlho di akaretsa koketsego ya letlhoko, go ntsifala ga batho le phetogo ya loapi di raya gore molemi a fetole ka fa a lemang ka teng.
Rre Ramokopane o ne a gakolola balemi go dirisa mananeo a a tlang go fetola seemo sa temo, ka e le maikarabelo a balemi go fetola ka fa ba tsayang temo ka teng.
O ne a tlatsa ka go re go fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng ke gone go ka kgontshang keletso ya go ntsha dijo tse di ka jesang Batswana botlhe.
Rre Ramokopane o ne a re go botlhokwa gore balemisi ka go farologana ba ntshe balemi ba ba itseng gore temo-thuo ke kgwebo, ba ba itseng gore boitseanape bo ka fetola seemo sa bone le ba ba itseng gore dithuso tse di tswang kwa pusong kana gope fela di ka dira gore le bone ba nne le itshetso e e botoka.
O ba rotloeditse go tshwaragana ka wa o esi o sa ele, a kaya fa maduo a tshwaragano e le selo se se ka ngokang le ba bangwe gape go ka kgatlha dikhamphani tsa ditirelo tsa temo go ba thusa ka maikaelelo a le mangwefela.
Fa a tswa la gagwe, radijalo wa Palapye, Rre Ofentse Nteleba o tlhalositse fa ba ne ba na le matshwenyego a gore balemi ba tshaba go lema mabele ka dipatlisiso di supile fa go nnile le kwelotlase ya thobo ya mabele.
Rre Nteleba o tlhalositse fa mabele a tshwenngwa ke mhero o o bidiwang molelwane, o a tlhalositseng fa e le mhero o o nnang teng fela fa go nna le temo ya mabele kana lesika la mabele.
O tlhalositse fa ba ne ba ikopanya le Rre Matshwenyego Maifala wa masimo a Maifala’s Farm go lekeletsa temo ya mabele a a bidiwang 5028 a a tlholegang kwa Amerika a go lemosegileng gore a lwantshana le malwetse ka go farologana gammogo le mhero wa molelwane.
Rre Nteleba o ne a tlhalosa fa e rile ba lema mabele a 5028 ba kopanya methale e e farologanyeng e akaretsa go tlhatlhoba mmu le go apesa peo (seed coating).
O ne a tlhalosa fa ba ne ba buisana le khamphani ya Organic Fertilizer e e neng ya ba neela monontshane wa 76619 o ba neng ba o dirisa ka mabele a rata kotla ya Nitrogen.
Go ya ka mohumagadi wa ga Rre Maifala, Mme Sankie Maifala, mabele a, a bogadi bo gaufi ka a tsere dikgwedi tse tlharo fela a bo a bodule go ka rojwa.
Mme Maifala o ne gape a tlhalosa fa go ne ga ngapiwa mmu o sa pitikololwe otlhe go diriswa segagodi, e le tsela ya go phunya mmu fa e leng gore peo e ya go jalwa teng.
Mogokaganyi wa tlhabololo temo-thuo le dijo mo kgaolong ya Legare, Rre Orbet Mabutha o tlhaloseditse balemi gore kgang ya konokono ya letsatsi le, e ne e le gore balemi ba tle go tsaya maele a go diragatsa le go tswakanya methale ya temo go ba thusa go ntsha dijo.
Rre Mabutha o ne gape a tlhalosa fa go tswalelwa ga melelwane go diretse balemi menyetla e ba ka anyang sengwe mo go yone, a tlhalosa fa e le nako ya gore Batswana ba ikemele ka dinao go ijesa le gone go rekisetsa mafatshe a mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : LERALA
Event : Letsatsi la masimo
Date : 18 Apr 2022