Breaking News

Pula e sentse ditsela kwa Kweneng

13 Apr 2022

Dipula tse di gosomaneng bosheng di bifisitse seemo sa ditsela mo kgaolong ya Kweneng mo go neng ga kgoreletsa metsamao ya batho mo ditseleng  dingwe.

Dipula tse di amile ditsela tse di tshetsweng sekontiri le tsa lekgarapana.

Mo potsolotsong le BOPA kwa Molepolole ka Labobedi modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o boletse fa seemo e le se se tlhomolang pelo, bogolo jang ka Kweneng e ntse e le kgaolo e e tlhaelelwang ke ditsela. 

Rre Leo tsela ya Thamaga-Molepolole ya sekontiri, e e ntseng  e sa nna sentle ka e tletse dikhuti, e amegile thata mo bakgweetsi ba patelesegang gore ba e dikologe.

Modulasetilo o kaile fa ba solofetse gore tsela e baakanngwe morago ga gore puso e ntshe madi le go thapiwa ga rakonteraka.

Tsela e nngwe e e amilweng ke dipula ke e e yang kwa metseng ya Lentsweletau, Mahetlwe go felela kwa Hatsalatladi.

 E ne e tshwanetswe go dirwa ka ngwaga wa 2018 mme ya amiwa ke kwelo tlase ga itsholelo, ya tshelwa lekgarapana le le lone le tserweng ke metsi, mme se se kgoreletsa metsamao.

Go ya ka modulasetilo, fa go ne go na le madi, ditsela di ka bo di sa tshelwe lekgarapana ka le tsewa ke metsi, selo se se busetsang ditiro kwa morago.

Ditsela tse dingwe tse di senyegileng ke tsa Letlhakeng go tsena kwa Salajwe, e e yang kw lefelong la diphologolo la CKGR le ya Molepolole-Lentsweletau.

Rre Leo a re ba ne ba solofetse go tshelwa sekontiri ga tsela ya Mmopane Block 1 go bo go weditswe, mme mo nakong eno tiro eo e siilwe ke nako.

“Tsela eo e ne e sa tsamaege gotlhelele fa dipula di na, mme se sa kgoreletsa banni go ya ditirong le mafelo a mangwe ka go farologana.”

Le fa go ntse jalo, Rre Leo o lebogetse gore puso e tlaa tlhabolola ditsela tsa Mogoditshane gore di nne tsa sekontiri, mme a bolela fa le tsa Molepolole di tlhoka go tlhabololwa.

O kopile setshaba go ba inela diatla metsing, a tlatsa ka gore ba lebaganwe ke dikgwetlho tsa didirisiwa.

A re ntswa kgaolo e le bophara, ba na le dikatakata di le pedi, mme se se ba ketefaletsa ditiro.

Matangwana a Gamudubu a ne a thubiwa ke metsi mme se sa baya motse ka fa tlase ga kgatelelo ya merwalela. Seemo se ne sa rarabololwa ka go romela katakata kwa matangwaneng a a fa morago ga lehuti la matlakala.

Rre Leo o boletse fa ditsela di senngwa ke letlhoko la mesele e e kgophang metsi a pula, ka jalo metsi a tlala mo ditseleng go sena kwa a ka yang teng.

A re ba sale ba kopile madi kwa pusong, mme ka e le tiro e e batlang madi a mantsi, ba santse ba letile, a tlatsa ka gore e mo lenaneong la ditlhabololo tsa dikgaolo le la lefatshe.

Tsela ya Gaborone-Molepolole ya A12, le yone e senyegile, fa pele ga Spar le Shoprite.

A re ntswa go kile ga baakanngwa ka ditena, modulasetilo o tlhalositse fa baitseanape ba gakolotse fa go feta metsi, ka jalo ba tlaa tswa ka tharabololo ya sennela ruri.

Bakwena ba sale ba kopile gore tsela eo e katolosiwe go nna le mela e le mene, mme go bolelwa fa puso e santse e buisana le batho ba ba tlaa amiwang ke tiro eo.

Modulasetilo a re mo nakong eno, puso e santse e tlhaelelwa ke madi, ka jalo  madi a ba a kopileng go baakanya dithoto tsa puso a sa lekana.  A re tshenyo e e bakilweng ke dipula e tlaa ba tlama gore ba dirise madi a ba neng ba a beetse ditlhabololo tse dingwe tsa kgaolo.

Rre Leo o supile fa ba ise ba amogele dipego tsa matlo a a digilweng ke dipula.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : POTSOLOTSO

Date : 13 Apr 2022