Baithuti ba gakolotswe go ikgapha mo borukhutlhing
13 Apr 2022
- Baithuti ba sekole se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits ba gakolotswe go ikgapha mo go tsa botlhoka tsebe mme ba itebaganye le dithuto go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang.
Kgakololo e, e ntshitswe ke Mogolwane wa mapodisi go tswa Middlepits Sup Inspector Kabo Rannau mo thuto-puisanyong kwa Middlepits ka Labobedi.
O ba tlhagisitse gore go inaakanya le masula go ka senya bokamoso jwa bone.
Sup Inspector Rannau are ba tshwenngwa ke boitsholo jwa baithuti bangwe ba ba dirang borukutlhi ka go inaakanya le ditagi di akaretsa motokwane, go senya dithoto tsa puso mo dikoleng le tlhakaneno dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
O ne a ba gakolola go tila go inaakanya le borukutlhi ka ba ka felela ba le kwa kgolegelong.
Sup Inspector Rannau o ne a supa fa go goga motokwane go sa siamela botsogo jwa bone ka o ka felela o ba bakela malwetse a tlhaloganyo a a supileng fa a tshabelela banana thata.
A re seo se na le seabe mo malwetseng a tlhakanelo dikobo a tshwana le HIV/AIDS le a mangwe.
E re ka malatsi a boitapoloso a Papolo ya Morena a simologa, ba sepodisi ba ne gape ba gakolola bana ba dikole le setshaba ka kakaretso go tila go amega mo dikotsing tsa tsela le gone go itlhokomela thata fa ba tsena kwa malwapeng ka jaana dikole di tlaa bo di tswetswe.
Mogolwane go tswa kwa dikgolegelong kwa Tsabong Rre Teko Motshwarakgole ebile e le leloko la Men Sector, e e neng e rulagantse bokopano joo, o ne a supa fa lekgotla la bone le itebagantse le go aga magolegwa sesha gore fa ba gololwa ba kgone go tshela le setshaba sentle.
Rre Motshwarakgole o ne a kgothatsa baithuti go tsepama mo dithutong tsa bone mme ba ikgape go borukutlhing.
O ba gakolotse go tlhopha ditsala tse di nang le tebelopele mo dithutong go na le tse di isang kwa thaelelong, a re ka nako tsotlhe ba ikele tlhoko.
“Bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmaago e re o tsena fa jone o bo dikologe,” ga bua jalo Rre Motshwarakgole.
O supile fa bontsi jwa bana ba dikole ba felela kwa kgolegelong ya basimane kwa Moshupa morago ga go dira melato e e farologanyeng.
Mme Tebogo Ramodikwana, mogolwane go tswa kwa Lephateng la thuto go tswa kwa Moding o ne a kgothatsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka thuto e le boswa jo bo sa feleng ebile gape e ka fetola matshelo a bone.
O ne a ba kgothatsa go ikgapha mo maratong ba santse ba le bannye mme ba tsepame mo thutong ka e le yone bokamoso.
A re ba tshwanentse go ipeela seelo sa go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a bone ka e le bone baeteledipele ba ka moso.
Mme Ramodikwana o ne a supa fa leina le lentle le itirelwa ka go sala morago dithuto ka jaana ba ka kgona go isa seriti sa bone kwa godimo, go tlotlomatsa batsadi ba bone le gone go isa serodumo sa metse ya bone kwa godimo ka thuto fela.
O ne a supa fa kwa ntle go na le makanyane a a shenneng meno a ba laletse go ka ba kometsa mme a ba kopa go itlhokomolosa tsotlhe tse di duleng mo tseleng ka di na le ditla morago tse di botlhoko.
Modulasetilo wa komiti ya borre ya Men Sector Rre Keabetswe Kole o ne a tlhalosa fa go na le bana bangwe ba ba sa kgoneng mo go tsa thuto mme a ba rotloetsa go inaakanya le metshameko e e farologanyeng ka e ka ba tshetsa mo isagong.
Rre Kole o boletse fa gape metshameko e ka ba thusa go nna le boitsholo jo bo amogelesegang, go ikgapha mo go tsa botlhoka tsebe le gone go itshidila mmele le tlhaloganyo, a tlatsa ka gore ‘maitseo e le namane ya moroba’.
O ne a kgothatsa baithuti go tsepama gape mo tumelong ka go tsena dikereke ka Modimo e le one makgonatsotlhe mo matshelong a bone e bile ba ka kgona tsotlhe ka one. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Kgolagano Rre Justice Monageng o ne a supa fa se amogetse baithuti ba le 539 go simolola ka mophato wa ntlha go ema ka wa boraro.
Rre Monageng o ne a supa fa maduo a sekole seo a mophato wa boraro a sa itumedise a supa fa ka ngwaga wa 2019 e ne e le 21 per cent, ka 2020 e ne e le 27 per cent mme ngogola e ne e le 19 per cent, selo se a supileng se dirwa ke baithuti bangwe ba ba sa tlhwaafalelang dithuto tsa bone.
Mogokgo o kaile fa barutabana ba tlaa tswelela ka go dira gotlhe gore maduo ao e nne aa itumedisang.
Rre Monageng o ne aleboga ba Men Sector ka dithuto tse ba di tsiseditseng baithuti, are di tlaa ba tiisa moko, go tsisa diphetogo bogolo jang mo dithutong le maitsholo a bone.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MIDDLEPITS
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Apr 2022