Breaking News

A ope a seka a nna le dipolasi tse di fetang bobedi

12 Apr 2022

Go ata ga batho ka lobelo g supa fa mo dingwageng tse di tlang lefatshe le tlaa bo le sa tlhole le le teng go ka abelwa ba ba le tlhokang.
 
Oo ke mogopolo wa ga Rre Banks Kolwane kwa Kuke fa a ne a itekodisa lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo ya setshaba tebang le tshekatsheko ya molao-motheo ka Mosupologo.
 
Rre Kolwane a re ka jalo, paakanyo ya molao-motheo e tshwanetse go akaretsa go tlhongwa ga seelo sa gore motho o ka nna le dipolasi di le kae.
 
Mo kopong ya gagwe ya gore motho mongwe le mongwe a letlelesege go nna le dipolasi tse di sa feteng bobedi, monni yoo o boletse fa seo se ka tlhomamisa gore dikokomane tse di tlang le tsone di kgona go abelwa lefatshe, segolo jang la temo-thuo.
 
Mo ntlheng e nngwe, o kopile gore go sekasekwe tsamaiso e e teng ya gore fa leruo le tlhagetse terata ya taolo matlhoko a leruo le bolawe, a re go dira jalo go humanegisetsa barui kwa pele.
 
Rre Kolwane o kopile gore boemong jwa go le bolaya, leruo la go nna jalo le tlhatlhojwe mme e re fa le fitlhelwa le sena bolwetse le neelwe mong.
 
A re mananeo a puso a a thusang Batswana ka leruo jaaka la nyeletso lehuma le la ga Tautona la dihutshane a tlaa nyelediwa ke tsamaiso eo ka gangwe le gape leruo le tlhagela ka kwa go sa tshwanelang.
 
Mo boemong jwa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Kuke, Rre Golebaone Mosweu o kopile gore go gagamadiwe molao kgatlhanong le batsadi ba ba kgoreletsang thuto ya bana ka go ya go nna nabo kwa merakeng le mo dipolasing.
 
Go sale foo, o kopile gore fela jaaka ya ditlhabololo tsa motse, komiti ya batsadi le barutabana e nne le lemme le maloko a yone a le fiwang.
 
A re go dira jalo go ka tiisa maloko moko ga ba ga dira gore batho ba kgatlhegele go nna le seabe mo go yone.
 
Mme Dixghao Mangana wa komiti ya tshireletso ya bana ene o ne a re molao o gagamaletse setoropo bann ba ba imisang bana ba dingwaga tse di kwa tlase ka jaana ba a bo ba phirimisitse ditoro tsa bana bao ebile ba ba senyeditse isago.
 
A re borre ba go nna jalo ba tshwanetse go latlhelwa mo kgolegelong dingwagangwaga go itsa gore ba boe ba tsweledise leheretlho la bone mo baneng.
 
Fa a bua mo boemong jwa banana ba motse, Rre Moagi Maitshoko ene o ne a supa ngongora ka go thibelwa go iphataphatela ga banana ke go tsewa menwana morago ga go dira melato, a re selo seo se bifisetsa pele manokonoko a letlhoko la ditiro.
 
A re banana bangwe ba tlolwa ke sebaka sa go ka bereka ka ntlha ya seemo seo, ka jalo a kopa gore mo tshekatshekong ya molao-motheo go batlwe tsela ya emisetsa thulaganyo ya go nna jalo.
 
Rre Maitshoko o ne a boa a ngongoregela go tlhoka neelano ga ditsamaiso tsa mananeo a a diretsweng go tlhatlosa banana, a supa fa go thulathulana ga tsone go ba paledisa go a akola ka botlalo. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Kuke

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 12 Apr 2022