Breaking News

UDC e batla gore kemedi e hetolwe

12 Apr 2022

 Phathi ya Umbrella for Democratic Change e kopile gore makhanselara le mapalamente a a itlhophetsweng a emisediwe ka baemedi ba ditlhotshwana tse di rileng mo setshabeng.

Moemedi wa phathi eo, Rre Xukuri Xukuri o boleletse lekoko le le phuthang megopolo go isa tshekatshekong ya molao-motheo ka Labobedi fa thulaganyo ya go nna le baemedi ba sepolotiki ba ba itlhophetsweng ke tona le Tautona e siilwe ke nako.

A re mo boemong jwa yone go tshwanetse ga tlhongwa baemedi ba batho ba ba santseng ba saletse morago ba akaretsa banana, ba-na-le bogole, ga mmogo le merafe mengwe.

Rre Xukuri a re baemedi ba go nna jalo ba ka buelela dikarolo tsa setshaba tse ba tswang mo go tsone e seng go emela dikeletso tsa diphathi tsa sepolotiki tse ba tserweng mo go tsone jaaka go diragala mo nakong eno.

O ne gape a kopa tekatekanyo ya diphathi mo go anamisiweng ga dikgang tsa tsone ke bobegadikgang jwa puso.

A re go fitlhela bo fetolwa go nna jwa setshaba, bobegadikgang jwa puso bo tlaa tswelela bo gogela kobo ka fa phathing e e busang, selo se a kaileng fa se koafatsa nonofo ya puso ya batho ka batho.

Moemedi wa lekgotla la Kuru Development Trust, Rre Mangana Mangana ene o supile fa leina Botswana le tlhoka go fetolwa ka jaana e le one modi wa go tlhoka go tsewa ka tekatekanyo ga merafe ya lefatshe leno.

A re fa leina le sena go fetolelwa kwa go le le sa sekamelang kwa merafeng epe, merafe yotlhe e tlaa simolola go nna motlotlo ka go nna batho ba lone e bile ba tlaa dumela fa molao-motheo le puso e le tsa bone.

Rre Komtsha Morris wa komiti ya balemi-barui o ikuetse ka go utswega motlhofo ga dihutshane ka ntlha ya go tlhoka go bewa tshipi.

A re letshwao le le losi ga le a lekana ka magodu a leruo a kgona go le senya mme seo se tlhokise morui se a ka kayang dihutshane tsa gagwe ka sone.

Rre Morris o kopile gape gore puso e batlele balemi-barui ba D'kar kwa ba ka lemang ba bo ba ruela teng gore ba tle ba kgone go akola mananeo a a thusang balemi-barui.

A re go bo motse le masimo a bone di le mo lefatsheng la kereke ya Dutch Reform go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go akola mananeo a a lebaneng ka go tlhokega gore ba bo ba na le ditlankana tsa masimo gore ba fiwe dithuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : D\'kar

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 12 Apr 2022