Lelwapa pinagare ya setshaba
29 Mar 2022
Mothusa kgosi kwa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe a re lelwapa le le itshetletseng le botlhokwa ka le thusa go aga kgotla e e agang morafe, o one o agang setshaba.
Kgosi Tshipe o buile jaana ka Mosupologo Mopitlo 28, kwa pulong semmuso ya letsholo la go bopa malapa sesha le le neng le tshwerwe kwa kgotleng ya Mahalapye.
A re o solofela fa dikgang tse di sa siamang jaaka tsa nnotagi, botlhoka tsebe le tsotlhe tse di bosula, di tlaa fokotsega morago ga letsholo le.
“Lelwapa ga se la rre le mme fela, ke la batsadi le bana ba bone, ka jalo ditshwetso tse di amang lelwapa di tsewa ke botlhe ba ba mo lwapeng ka gonne morero mo lelwapeng ke one motheo wa lelwapa le le nonofileng,” Kgosi Tshipe a tlhalosa.
O rotloeditse botlhe go gorosa molaetsa kwa go ba ba sa kgonang go ya go itseela ka tsebe gore le bone malwapa a bone a tokafale.
Moruti Bashi Mathware ene o tlhalositse fa letsholo le, le setse le simolodisitswe kwa Rakops le Serowe. A re go laletsa Healthy Families Foundation gore ba tle go thusa go aga malwapa, ba gwetlhilwe ke botlhoka tsebe.
A re bopaki jo bontle jwa mokgatlho bo dirile gore le bone ba kgatlhegele go kopa thuso.
Moruti Mathware a re Mahalapye ga a na go tlhola a itsewe ka ditiro tse di duleng mo tseleng ka gore o dumela gore malwapa a ya go agega, motse otlhe o bo o agega.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Percy Thaba a re The Healthy Families Foundation e ikemiseditse go aga malwapa, mme e dira jalo ka thuso e e tswang kwa Modimong.
A re ponelopele ya bone ke go aga malwapa a a nonofileng a e leng gore ka one ba tlaa aga tshaba e e itekanetseng.
Rre Thaba a re fa lelwapa le sa itekanela, go raya gore setshaba le sone se ka seke se itekanele.
A re go na le mathata a mantsi a a supang gore malapa mo Botswana a a reketla.
Rre Thaba a re banana ka bontsi ga ba sa tlhole ba kgatlhwa ke lenyalo ka gore ba re ga go sa tlhole go na le manyalo ape a a kgatlhisang mme se, se supa fa go na le bothata.
A re thuto ka boitsholo go tswa malwapeng, ke yone e ka baakanyang lefatshe.
Fa a ntsha la gagwe, leloko la mokgatlho, Mme Ashley Thaba a re ba amogela mapaki a le mantsi go tswa mo Batswaneng ba bua ka fa matshelo a bone a fetogileng ka teng ka lebaka la mokgatlho o.
A re lelwapa ke lone motheo wa motho mme o na le tshepho ya gore fa ba tswa kwa Mahalapye morago ga malatsi a le lesome le boferabobedi a ba ileng go a nna koo, morafe wa Mahalapye le one se tlaabo o ofa bopaki.
Mme Thaba a re ba tsile kwa Mahalapye go ruta ka therisanyo e ntsha gore malwapa a tshele ka boitumelo, a supa fa go fetoga go se motlhofo mme go kgonahala.
Mopalamente David Tshere o tlhalositse fa ditiro tsa botlhoka tsebe di le dintsi kwa Mahalapye.
A re molao o le nosi o ka seke o kgone go fetola seemo se ka gore pelo e fetolwa ke lefoko la Modimo.
“Molao tiro ya one ke go otlhaya ba ba dirang se se sa letlelelweng,” Rre Tshere a supa.
A re o bone go le botlhokwa go tla go buisana le banni ba Mahalapye, go leka go fetola dipelo tsa batho gore diemo tse di sa iketlang di fokotsege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Pulo Semmuso
Date : 29 Mar 2022