Makgotla a banana a itela mo lekokong
29 Mar 2022
Moemedi wa lekgotla la banana kwa Mababe, Mme Gofaone Gakena o kopile gore molao o rurufatse gore banana ba ba kgakala le ditlamelo ga ba phadisanyetsa ditiro le ba ba gaufi le ditlamelo.
O buile jalo fa a rolela lekoko le le romilweng ke tautona go sekaseka molao motheo seabe sa banana a supa fa banana ba ba kgakala le ditlamelo ba beilwe ka fa mosing ka jaana ba phadisana le batho ba ba akolang ditlamelo.
A re molao o tshwanetse wa seakseka seemo sa bone sa botshelo ka jaana se sa lekane a tlatsa ka gore go le gantsi banana ba ba kgakala le ditlamelo ba felela ba retelelwa ke go bona mebereko.
Mme Gakena a re bogolo molao o dire gore banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba phadisanye ka bo bone ka jaana seemo sa bone sa botshelo se tshwana.
Moemedi wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Sedimelo Nkatonga ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwaragano ya banaleseabe botlhe mo thutong ya ngwana a re seo se ka thusa go aga baithuti ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.
A re banaleseabe ba tshwanetse ba tlhaloganya gore thuto boswa, ka jalo seabe sa bone se botlhokwa thata mo go tlhabololeng thuto ya ngwana a tlatsa ka gore fa ba ka dira mmogo ba le ngata ba ka aga baithuti ba boleng ba ba tla tsogang ba goga lefatshe leno ka thokgamo bo ba kgone go godisa le yone itsholelo tota. Moemedi wa mokgatlho sa Gokhwei Xii Cultural Association, Rre Newa Idea ene o ne a kopa kemo nokeng ya ditlhopha a re bontsi jwa tsone di mo kgatelelong ka jaana segajaja sa COVID se di amile thata.
O boletse fa setlhopha sa gagwe se dira letseno ka go kgatlhisa bajanala ba ba etelang makgobokgobo a Okavango Delta mme a supa fa e sale segajaja sa COVID se apesa lefatshe leno kobo ka letshoba, a sa dire dipoelo ka jaana motsamao wa bajanala o le boutsana.
O tsweletse a re go boima gore ba ka akanya go kabakanya ditiro tsa bone ka jaana ba sena lefatshe ba nna mo state land.
Rre Newa o ne a fa sekai a re o na le sekgete sa lefatshe mo motseng mme ga a kgone go itirela sepe mo go sone ka jaana a sena setlankana sa sone.
O boletse gape fa mokgatlho oo o dira ka dimela tsa tlholego mme a supa fa a sa sena kgololesego go bapala dimela tseo ka jaana lefatshe e le la puso.
Moeteledipele wa mokgatlho wa Sayembovet o o itebagantseng le go lelwa ditshwanelo tsa merafe e e sa lemogiweng ke puso, Rre Polelo Tebalo le ene o ne a latlhela la mmotlana a supa fa molao o sa tseye merafe ka tekatekanyo.
O ne a ntsha sekai ka morafe wa Basarwa a re ba rontshiwa tshwanelo le ngwao ya bone ya go tshela le diphologolo le gone go nna le dikgosi jaaka merafe e mengwe.
A re e molao motheo o tshwanetse wa letla gore Basarwa gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang teng ba nne le kgosikgolo fela jaaka merafe e mengwe a tlatsa ka gore gompieno ba tshelela mo kgobedung ka jaana dikgosi tsa merafe e e lemogiwang ke molao di ba tseela lefatshe fela ka gore molao motheo ga o ba lemoge.
Moemedi wa Handaqwe choir, Mme Messiah Obiditswe le ene o kopile gore ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere di thusiwe ka jaana di rotloetsa tshomarelo ngwao.
A re go dira jalo go tla dira gore dokokomana tse di tlang di gate fa tlhako ya pele e gatileng teng gore ngwao e seka ya nyelela.
Ba Mababe Trust le bone ba ne ba itumelela gore puso e bo e kgonne go ba fa Management Plan le head lease gore ba kgone go tsamaisa ditiro tsa lekgotla.
Moemedi go tswa lekgotleng leo, Rre Mmoloki Ditirwa o akgoletse puso maiteko ao a re go botlhokwa gore ba fiwe dithata tsa go dirisa lefatshe fela jaaka makgotla a mangwe a merafe.
O ne a kopa gore togamaana (management plan) eo e sekasekiwe gore e letlelele banana ba motse ba ba nang le kgatlhego go itshimololela dikgwebo go dira jalo.
A re ene o dumela gore ba ka kgaolelwa sekedi sa lefatshe mo NG41 gore ba kgone go itshedisa bogolo ka jaana ba aperwe ke letlhoko la ditiro.
Rre Ditirwa a re banana ba ka simolola dikgwebo tse di ka tlhamelang ba bangwe mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MABABE
Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo
Date : 29 Mar 2022