A molao-motheo o sireletse lefatshe la Batswana
21 Mar 2022
Molao-motheo o tshwanetse wa sireletsa lefatshe gore le seka la tsena mo diatleng tsa batswakwa.
Se se builwe ke moemmedi wa Men Sector mo kgaolong ya Chobe , Rre Walter Dubani mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo wa lefatshe la Botswana maabane mo Kasane. “Molao-motheo o tshwanetse wa papamala gore lefatshe le tla a nna fela la Batswana ba sekei e seng ope gape,” a tlhalosa jaana.
A re ope motswakwa yo o batlang go dirisa lefatshe o ka dira jalo ka go le hirisa mo motswaneng. Rre Dubai o supile matshwenyego a gore ha Batswakwa ba ka letlelelwa go nna le lefatshe mo lefatsheng leno beng gae ba e leng Batswana ba ka iphitlhela ba iphotlhere ba sena lefatshe le ba direlang mo go lone.
A re tlhatlharuane e e tsogetseng mangwe a mafatshe ke ka lebaka la go tlhoka go sireletsa lefatshe gore le seka la tswa beng ka diphatlha-tsa-menwana.
Mo go tse dingwe Rre Dubani a re ele ba Men Sector ba eletsa gore go nne ka fa molaong gore botlhe ba ba supang kgatlhego ya go etelela diofisi tse dikgolo tsa lefatshe jaaka baatlhodi le boramelao-megolo ba tshwanetse ba botsolotsiwa mo fa pele ga setshaba pele ga ba tlhapiwa. A re go dira jalo go tla ntsha dipelaelo dipe tse setshaba di ka tswang di na le tsone ka phiro ya batho ba go nna jalo.
O gateletse gore batho ba ba thapiwang ka tsela e e ntseng jalo go le ga ntsi ba dira tiro ya setshaba ba sa sokamele gope.
O kaile gape fa ele keletso ya lekgotla la Men Sector go bona molao-motheo o sireletsa ditshwanelo di tshwana le tsa thuto le ga mmogo le tsa botsogo.
Moruti Manson Molopo wa kereke ya Assemblies of God ene o ne a re molao-motheo wa lefatshe la Botswana o tshwanetse wa papamatsa gore lefatshe leno le ikaegile ka tsamaiso ya Modimo.
A re go a tshwenya gobo lefatshe leno le letlelela ditsamaiso dingwe jaaka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang, tse a rileng di kgatlhanong le molao wa Modimo.
Rre Seroka Lebitla yo eleng monana mo Kasane ene o ne a supa fa bone ele banana ba eletsa gore molao-motheo o letlelele fela motho yoo dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mararo le botlhano go nna tona wa lephata la Banana.
A re motho wa go nna jalo o tshwanetse gape a bo a na le kitso e e maleba le kgatlhego mo dikgangnyeng tse di amang banana.
Go ya ka monana yoo, molao-motheo o tshwanetse wa tlama gore melao le melawana e e tsamaisang mananeo a banana e fetolwe morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano gore e tsamaelane le ditsamaiso tsa lefatshe ka bophara. BOPA
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : KASANE
Event : Presidential Commission of Enquiry
Date : 21 Mar 2022