Thuto ka ipabalelo tseleng e botlhokwa - mogolwane
14 Mar 2022
Mookamela mapodisi a pharakano mo Kgalagadi Borwa, Superintendent Kgosienalerona Sechoni o kgothaditse komiti ya Ipabalelo Tseleng mo Tsabong go dira ka natla mo go iseng thuto kwa setshabeng ka seo se ka thusa go fokotsa dikotsi tsa tsela.
Superintendent Sechoni o ne a tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di ama bodiredi ka go tlhokafala batho ba ba rutegileng, ba ba dirang ditiro tse di botlhokwa.
A re mo godimo ga moo malwapa mangwe a sala fela a iphotlhere morago ga go tlhokafala ga ba a ikaegileng ka bone.
Fa a ntsha pego ka dikotsi tsa tsela mo kgaolong, Superintendent Sechoni o ne a tlhalosa fa go simolola ka 2018 go fitlha ka 2021 go tlhokafetse batho ba le 32 mo dikotsing tsa tsela.
O boletse fa dikotsi tse gape di felela di tlogela bangwe ka dikgobalo tse di masisi tse di di bakang bogole. Otlhalositse fa mo dingwageng tse nne tse di fetileng batho ba le 52 ba nnile le dikgobalo tse di ntseng jalo.
Rre Sechoni o boletse fa se se ngomolang pelo gape e le dikotsi tse di diragalang mo gare ga motse, a supa fa go nnile le di le 58 mo dingwageng tse nne tse di fetileng.
Superintendent Sechoni o boletse fa dingwe tse gantsi di bakang dikotsi e le go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng; go tlhoka go obamela matshwao a tsela; go kgweetsa motho a itshietse; le go tlhoka go ikhutsa ga mokgweetsi a lapile.
A re molaetsa o ke wa botlhe go akarediwa bakgweetsi, bana ba dikole, banana,barui ba gantsi leruo la bone le bakang dikotsi ka le na le go gobea mo ditseleng.
Rre Sechoni o boletse fa go le botlhokwa gore setšhaba se rutwe thata ka tiriso ya lebante la itshireletso le bodiphatsa jwa go kgweetsa motho a bua le mogala.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang thata ke ya gore batsadi ba bo ba neela bana dikoloi ba sena diteseletso tsa go kgweetsa.
O tlhalositse fa ka 2020 mapodisi ba tshwerwe batho ba le 925, ka 2021 ba le 917 ka molato wa go kgweetsa ba sena diteseletso.
Superintendent Sechoni o ne a tlhalosa fa gantsi dikgwedi tse dikotsi di diragalang ka tsone e le tsa malatsi a boitapoloso mme a kopa bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go simolola go a ipaakanyetsa go sa le gale ka bangwe jaaka ba dikereke ba tsaya mesepele e meleele go ya malatsing a papolo ya Morena fa bangwe ba ya magaeng.
Fa a tlhalosa maikaelelo a dithuto puisano tseo, moeteledipele mo lephateng la Dipalamo le Ipabalelo Tseleng, Rre Lynon Nthebolang o ne a tlhalosa fa e le go ithuna dinta, go abelana maele, go tsibogela dikgwetlho tse ba kopang le tsone le gone go tswa ka ditharabololo e le maiteko a go hema dikotsi.
Rre Nthebolang o ne a supa fa puso e ne ya tlhoma dikomiti tsa ipabalelo tseleng morago ga go lemoga fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno, mme di tlogelela puso mokgweleo wa go tlhokomela dikhutsana le ba-na-le bogole.
O ne a supa fa go le botlhokwa go ikgakologelwa, go ipaakanyetsa go gorosa dithuto tse di maleba kwa setshabeng ka seo gape se ka thusa mo kgolong ya komiti go ya pele.
Fa a ama tsa madi, Rre Nthebolang o ne a supa fa lephata le neetswe boikarabelo jwa go laola ka fa madi a dirisiwang ka teng mo komiting eo go setswe molao wa tiriso ya madi morago, le gone go rurifatsa gore ditirelo tse ba di neelwang ke tsa maemo a ntlha.
Mongwe wa barutuntshi ba letsatsi leo, Rre Goabaone Abraham, yo e leng morutabana kwa Tsabong Unified Senior Secondary School o ne a rotloetsa maloko a komiti go dira ka tshwaragano ka seo se ka thusa mo katlegong ya maitlamo le maikaelelo a bone.
Mme Cathrine Molomo yo e leng molomaganya ditirelo tse di lebaganeng le mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS mo Kgalagadi Borwa, o ne a gakolola maloko a komiti gore e re ka jaana tiro e tona ya bone e le go gakolola le go ruta badirisi ba tsela, ba tshwanentse go nna ba ipaakantse e bile ba itshepha mo go se ba se bolelelang batho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Thuto Puisanyo
Date : 14 Mar 2022