Dikoko go tswa Afrika Borwa di buletswe
09 Mar 2022
Balemi barui ba tlhagisitswe fa melelwane e butswe go letlelela dikoko kgotsa ditswa kokong go tsena ka lefatshe la Botswana go tswa Afrika Borwa.
Tshotiso e, e tla morago ga thibelo ya go tsena ga koko le ditswa kokong ngogola ntateng ya bolwetsi jwa mhikela wa dinonyane (Highly Pathogenic Avain Influenza) jo go neng ga rurifaditswa fa bo aname le mafelo a a farologanyeng a Afrika Borwa.
Dr Obakeng Kemolatlhe go tswa kwa lephateng la temo thuo a re ditshekatsheko tsa bone di supile fa go babalesegile gore melelwane e ka bulwa go letlelela theko ya dikoko le di tswa kokong go tswa Afrika Borwa.
A re mogare o, o santse o le teng ka jalo balemi barui ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe go itsa go o anamisa.
Dr Kemolatlhe o gakolotse balemi barui go rurifatsa fa dikoko tsa mae tse di tswang Afrika Borwa di tswa kwa mafelong kgotsa bagwebi ba go tlhomamisitsweng gore madirelo a bone a babalesegile mme ebile ga ana mogare.
O tlhalositse fa bolwetsi jo bo anamiswa ke dinonyane tsa naga le mehuta ya dinonyane tsa mo gae (domestic poultry).
A re dikoko di ka tsenwa ke bolwetsi jo ntateng ya kamano le dinonyane tse di amegileng kgotsa mantle a tsona. Gape a re dijo, metsi, batho le didirisiwa tse di kgotlhelesegileng di ka fetisa mogare.
Ka jalo o gakolotse barui go tlhomamisa gore dikoko di ruelwa mo dikagong tse di agilweng ka methale ee kgannang dinoyane tsa naga go amana le dijo kgotsa metsi a a nowang ke dikoko.
O kaile fa go le mosola gore barui kgotsa batlhokomedi ba dikoko ba nne kelotlhoko mme ebile ba tlhatswe dilwana tsa bone go itsa go anamisa mogare.
Dr Kemolatlhe a re dikai tsa mogare o mo dikokong di akaretsa mhikela, kgotlholo, letshololo, golapa le diphuka tse di tlharaletseng, fa mo dinonyaneng tsa naga di sa bonale thata.
Bolwetsi jo go tlhomamisiwa fa bo le kotsi mme ebile bo bolaya dikoko ka mmetela.
Dr Kemolatlhe a re barui ba ba itemogetseng dikai tsa bolwetse jo ba ikgolaganye le lephata la temo thuo go tla go dira ditshekatsheko le tsotlhe tse di ka hemang kanamo.
O supile fa thibelo ya kanamo e le go bolaya le go tshuba dikoko tse di amegileng ka fa go hapegileng. A re bontsi jwa nako goromente o thusa barui ba ba katswang ba amilwe ke bolwetsi jo ka di katso tse di amogelesegang kgotsa dikoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : GABORONE
Event : Kitsiso
Date : 09 Mar 2022