Khansele ya Legare e rotloetsa dikgwebo tsa banni
20 Feb 2022
Khansele ya Legare e dirisitse madi a a fetang P4.7 million go reka dithoto le ditirelo mo banning ba kgaolo potlana ya Mahalapye.
Khansele e ne e itlamile go tsosolosa itsholelo ya kgaolo go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha Morule ngwaga o o fetileng.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye bosheng, modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe, o boletse fa ba filwe taelo e e ikaegileng ka molawana wa Local Economic Empowerment.
A re ba filwe maikarabelo a go tlhomamisa fa batho ba tshela sentle e bile ba na le bonno jo bo kgatlhisang.
O ne a rotloetsa banni go dirisa mananeo a akaretsang SHAA go aga matlo le gore ba duele ditirelo tsa bone fa ba sena go thusiwa.
Mo kamogelong baeng, kgosi ya Mahalapye, Kgosi Duncan Segotsi o ne a re o tshwenngwa ke dikago tsa ofisi ya kgotla tse di sa felang mme a kopa modulasetilo gore a ba thuse di felelediwe le go tsenngwa didirisiwa.
Kgosi o ne gape a kopa gore maemelo a dipalamo tsa setshaba a baakanngwe a bo a felelediwe mo nakong e khutshwane jaaka ba solofeditswe, a kopa gape gore ba baakanyediwe le go gopelwa ditsela tse di motseng.
Mokwaledi wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Artwell Moilwa, o ne a tlhalosa fa kago ya ofisi ya kgotla e ne ya amiwa ke segajaja sa COVID-19 mme a mo solofetsa fa ba tlaa mmusetsa phetolo mabapi le kago eo mo nakong e e sa fediseng pelo.
Mo go ya maemelo a dipalamo tsa setshaba, mogolwane wa tsa ditsela wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Juluka Zambedzi, o tlhalositse fa ba simolotse ditshekatsheko tsa lefatshe mo maemelong a dipalamo tsa setshaba.
A re ba solofetse maduo mo malatsing a le masome mabedi le boferabobedi mme ba tlaa tswelela ka dipaakanyo morago.
Kwa Tewane, banni ba ne ba supa fa ba tshwentswe thata ke go diega ga kabo ya ditsha.
Kgosi Kerapetse Kalanke a re sale a neelwa maina a feta 500 a batho ba ba emetseng go bewa ditsha tsa bonno mme nako kgolo ke eno.
Banni ba supile gape fa go sena motlakase kwa motseng wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhatlhobololo tsa motse Rre Tatani Mbakhwa a re matlo a puso ga a na ditlankana mo go dirang gore go nne dingalo fa ba tshwanetse go gokela motlakase le metsi.
Rre Mbakhwa a re banni ba tsamaya sekgala se se leele go gelela metsi mo di pompong mme a kopa gore ba gokelelwe metsi mo malwapeng a bone.
Fa a araba matshwenyego a banni mabapi le kabo ya ditsha, Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Mahalapye, Rre Jenamo Morupisi, a re puso e ntshitse lenaneo la gore batho ba abelwe lefatshe le le nang le ditlamelo, a re gape ba dira moalo mme a tlhalosa fa se se tsaya nako mo go felelang go dia kabo ya ditsha.
O tlhalositse gape fa ba tshwanetse go kanoka lefatshe go tlhomamisa fa le siametse bonno jwa batho.
Rre Galeragwe le ene o ne a tsibogela kgang ya metsi a supa fa ba koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation e solofeditse fa e tlaa aga mafaratlhatlha a metsi kwa motseng wa bone go nosa Tewane, Radisele, Mogome le Mokgware.
Mokhanselara wa Mahalapye North Mme Julia Miranda ene o ne a leboga Rre Galeragwe go bo a tsere nako go tla go ba tlhola a mo kopa go tswelela a dira jalo. ENDs
Source : BOPA
Author : Gracious Letsweletse
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Feb 2022



