Kgalagadi Borwa o solofetse thobo e namagadi
13 Feb 2022
Balemi kwa Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba kgothaditswe go tlhoafalela temo ka ke yone e ka jesang Batswana.
Mafoko a a builwe ke rabalemisi wa kgaolo eo, Rre Motsomi Mafokate mo potsolotsong bosheng fa a ne a ntsha pego ya ka fa balemi ba kgaolo ba tsibogetseng temo ka teng.
A re ba solofetse thobo ya diekere di feta 1 200 tse di lemilweng, di akaretsa mmidi, dinawa le lablab tse puso e ba thusang ka tsone mahala, go tlhomamisa gore ba ntsha thobo e e nametsang ka ebile di dira sentle kwa kgaolong, bogolo jang dinawa.
Rre Mafokate o boletse fa ka tlwaelo balemi ba kgaolo ba lema magapu, marotse le ntshe tse di sa tlhokeg metsi a mantsi jaaka mmidi.
A re le fa ba sa tlwaela go lema mabele, a dira sentle thata kwa kgaolong eo.
O rotloeditse balemi go tlhoafala go lema lablab go e fa loruo, go fokotsa ditshenyegelo tsa go reka dijo tsa lone.
Rre Mafokate a re jaaka gale, puso e duela balemi diekere tse nne e le go ba rotloetsa go tlhoafalela go lema ka dipalo tse di kwa godimo ka seo se ka tokofatsa matshelo a bone.
A re monongwaga, balemi ba le 566 ba ikwadiseditse temo kwa kgaolong eo.
Dingwe dikgwetlho tse balemi ba kopanang le tsone ka paka ya temo a re ke letlhoko la didirisiwa jaaka terekere le tse dingwe a re le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba ba ikiteileng sehuba go lema ka ditonki ka ba tswa kgakala ba lemang ka tsone.
O boletse fa ngwaga ono letsema le simolotswe kgwedi ya Morule e le fa gare ka lebaka la pula e neleng morago mme le weditswe ka kgwedi ya Herikgong e ya fifing ka jalo, puso mo pakeng eno ya temo e tlaa seke e oketse ka go lemosegile fa go sena maduo ka dijwalo di felela di tshwarwa ke serame seo, se busetse maiteko a balemi kwa morago.
Rre Mafokate o tlhalositse fa metse e e itekang thata mo temong ngwaga le ngwaga e akaretsa Kokotsha, Werda, Makopong, Omaweneno le Tsabong, fa Bogogobo, Kolonkwaneng le Khuis temo e le kwa tlase.
A re dipalo tsa balemi ba ba kgatlhegelang go lema di oketsega ngwaga le ngwaga, selo se a supileng fa se tsisa tsholofelo ya koketsego ya dijo le go kgothatsa ba bangwe go itirela ka diatla.
Rre Mafokate a re balemi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka kwa ba rekisang thobo ya bone teng ka ba supa fa go sena dipoelo fa ba rekisa kwa Botswana
Agricultural Marketing Board mme a re o ba rotloetsa go rekisa mo bangweng ka bone ka dipoelo di nametsa.
O kgothaditsetsa banni ba kgaolo ba ba sa itlwaetsang go lema jaaka kwa metseng ya BORAVAST e e akaretsang Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go tlhwaafalela go lema ka ebile bontsi e le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, gore ba kgone go tshetsa ba malwapa a bone.
A re lephata la temo thuo le rotloetsa go lema mo digotlong gore banni ba ijese, a supa fa se se bakwa ke go bo bangwe ba sa kgatlhegele go ikopela ditsha tsa masimo.
Mogolwane kwa lephateng la tepo loapi, Mme Kefentse Magogone a re paka ya pula e simologa ka kgwedi ya Phalane go fitlha ka Mopitlo lefatshe ka bophara.
O supile fa ditshekatsheko ngwaga ono di supa fa go tlaa nna le dipula tse di namagadi mme balemi ba tlaa bona thobo e e nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2022