Balete ba latlhela tlhware legongnyana
07 Feb 2022
Makgotla a a ikemetseng kwa motseng wa Ramotswana a ne a tshologile ka bokete go tla go neela lekoko le le romilweng ke Tautona go rerisana le setshaba tshekatshekong ya molaomotheo megoplo.
Lekoko leo le boloditse letsholo go ralala lefatshe leno mme le simolotse beke e e fetileng kwa metseng ya Gabane, Mankgodi le Tlokweng.
Kwa Ramotswa, makgotla a nnileng le sebaka sa go baya lekoko megopolo pele, a ne a akaretsa a babereki, balwelwa ditshwanelo tsa setho, mapolotiki, barui le la baruti.
E ne ya re a ala kgang ya gagwe, Mme Lebisa Setshwaelo go tswa kwa lekgotleng la South East Horticulture Association a kopa gore molao motheo o sekaseke o bo o papamale gore balemi ba thusiwe ka lefatshe ka jaana bontsi bo ikaegile ka temothuo mme letlhoko la lefatshe e le selelo le khuranyo ya meno.
A re seo se ka rotloetsa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng, a tlatsa ka gore kwa mafatsheng a sele molao wa bill of right to adequate food, ke gore tshwanelo ya go nna le dijo, o papametse mo molaomotheong.
O ne a kopa gape lekoko go lemoga tshetlana nngwe mo molaong motheo e e bitsang batho ba letso la Sesarwa ‘bushmen’ a re leina leo ga le a siama ka jaana le sa fe morafe wa Basarwa seriti.
Mme Setshwaelo o kopile gape gore molao motheo o fetole gore tautona a seka a nna le dithata tsa go itlhopela moatlhodi mogolo, a re o tshwanetswe a tlhophiwe ke palamente.
Monana go tswa kwa lekgotleng la Rainbow Identity Association, e le lekgotla le le lelwang ditshwanelo tsa batho ba ba tsholwang ba kopantse bong, Rre Kagiso Bannye le ene o ne a latlhela la mmotlona a kopa gore molaomotheo o lemoge batho bao gore ba kgone go akola ditshwanelo tsa bone fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.
O kopile gape gore batho ba ba tsholwang ba kopantse bong ba letlelelwe go ka tsholelwa le go ikopela (adopt) bana ka jaana go na le kgonagalo ya gore ba ka se tshole.
A re gompieno molao o ba beile ka fa mosing ka jaana o sa ba lemoge, e beile ba sa letlelelwe go ka ikopela bana fa bana le bothata jwa go tshola.
Moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Super Rathebe ene o ne a kopa gore molao motheo o sekasekwa o bo o baakangwe gore motho o ka nna leloko la komiti ya ditlhabololo fa a itse go bala sekgoa le Setswana. O ne gape a re dikatso tsa bone di okediwe.
A re go lejwe gape gore a dikomiti tsa metse di ka se nyelediwe mme tsa emisetswa ka tsa Village Development Boards tse di okeditsweng dithata.
O kopile gore kgang ya go atlholela badiramolato loso e sekasekwe, a re go botoka gore motho a atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong ka jaana tshetlana nngwe mo molaomotheong e rotloetsa go somarelo botshelo.
Fa a tswelela, Rre Rathebe a re nako e tsile ya gore baemedi ba sepolotiki ba nne le dithutego tse di rileng a kaya fa makhanselara a tshwanetse a nna le Cambridge fa mapalamente one a tshwanetse go nna le dithutego tsa diploma.
Moemedi go tswa kwa lekgotleng la Letlhapisalelengwe Social Support Group, Mme Tebogo Motsumi o ne a kopa gore molao wa bana wa Children’s Act o sekasekwe o bo o tsenye tsetlana ya gore monna fa a tshodisa mosadi ngwana a nyale mme yoo.
A re seemo sa gompieno se ngomola pelo ka jaana bana ba sa tlhole ba itse gore ba golela kae bogolo jang fa batsadi ba sa nyalana, ka jaana ba tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga mmagwe le rragwe.
A re seemo seo se babalela bana ka jaana bangwe ba felela ba inaakanya le ditagi ka ntlha ya maikutlo a a gateletsweng. Mme Motsumi o boletse fa mo ngwaong ya Setswana ngwana a golela ko go mmagwe mme seo se fetogile.
A re ngwana o felela a ithuta ditsamaiso tse di hapolgileng, mme akopa gore molao o sireletse ngwana go hema ditlamorago tseo.
Moemedi wa phathi ya Alliance for Progressives, Rre Thatoyaone Radikara o ne akopa gore molao o bakangwe gore tautona a tlhophiwe ke setshaba le gone gore molao motheo o akeretse tsetlana ya gore go nne le madi a thusang diphathi tsa sepolotiki.
A re seo se ka natlafatsa puso ya batho ka batho.
A re molao o tswanetse gape wa tsenya tsetlana ya gore mapalamente ba ka dira boikuelo ka nako ya ditlhopo fela jaaka makhanselara.
Fela, Rre Newton Molefe o ne a ganana le gore tautona a tlhophiwe ke setshaba, a re tsamaiso e e teng e siame. A re ga go kake ga siama gore tautona a dire le batho ba e seng ba phathi ya gagwe, mme e bile selo seo se tsositse dintwa kwa mafatsheng a mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : RAMOTSWA
Event : Tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 07 Feb 2022