Letsholo la mokento wa tlaleletso le tsamaa sentle
07 Feb 2022
Maiteko a ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo kwa Selebi Phikwe go oketsa dipalo tsa ba ba ikentelang mogare wa COVID-19 a ntsha maduo a a nametsang.
Se se tla morago ga gore lephata le itemogele dipalo tse di kwa tlase tsa banni ba ba tsereng mokento.
Mo potsolotsong bosheng mme Tshepiso Mothupi yoo itebagantseng le thibelo malwetse, o ne a re lephata la gagwe le na le mekento yotlhe mme a supa fa mekento ya Pfizer, Moderna le Johnson & Johnson e le yone e ba e dirisang mo go ba ba tsayang wa tlaleletso le ba ba tsayang la ntlha.
Mme Mothupi o tlhalositse fa a itumelela tirsano mmogo ya banni ba toropo ya Selebi Phikwe ka e le batho ba ba tsibogang fa go tla mo go tsa botsogo le ntswa go na le ba ba santseng ba goga dibao.
A re tirisano mmogo ya bone le makgotla a a ikemetseng le bogogi jwa toropo ya Selebi Phikwe ke yone e ba direlang tiro motlhofo .
A re mo letsholong la go sireletsa setshaba kgatlhanong le mogare wa corona, ba ikgaogantse ka dithophana go go kenta bana ba ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa go tse di lesome le bosupa.
O tlhalositse fa ba setse ba kentile palo e e ka tshwarang masome a ferabobedi mo lekgolong.
Le fa go ntse jalo Mme Mothupi o tlhalositse fa letsholo e ne e le la letsatsi le le lengwefela mme a rotloetsa ba ba sa kgonang go kenta go etela mafelo a a gaufi go tsaa lemao ka se se ka fokotsa manokonoko a go gatelelwa ke bolwetse.
Mme Moithuti o tlhalositse fa toropo ya Selebi Phikwe e le nngwe ya dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke corona,a supa fa go santse gona le batho ba ba santseng ba le kwa mafelong a a haphegileng go tlhokomelwa ke ba botsogo.
Mo go tse dingwe lephata le gatetse pele ka go kentela bana ba ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya ko go tse di lesome le bobedi mogare wa COVID-19. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 07 Feb 2022