Breaking News

Selwane o tlhamile pina ya kgothatso

03 Feb 2022

 Seopedi sa dipina tsa semoya, Dikabelo Selwane o  sa tswa go tlhama pina ya gagwe ya ntlha  e e bidiwang Vuma.

 

Mo potsolotsong, moopedi yoo nang le dingwaga di le thatharo a opela mmino wa sedumedi o kaile fa go opela mmino o o rorisang Modimo e le selo se se gaufi le pelo ya gagwe.

 

Fa a ntse a gola a re o ne a tlhabolola talente ya gagwe ka go opela mo dikerekeng tse di farologanyeng mme a bona go le botlhokwa gore a ntshetse bokgoni jwa gagwe ko ntle batho ba utlwe molodi o o monate wa lentswe la gagwe. Pina e e binegang e e rotloetsa batho go neela matshelo a bone ko go Rara bogolo jang ngwaga o simolola.

 

Ga e re Vuma ka ke puo ya setebele e raya gore dikeetane dikgaoge pina e e raya mokaulengwe gore a ipatle a ipatlisise gore dikeetane kapa sengwe se se mo tshwenyang se eme ka morena Jeso a a ka thusa gore a gololwe.

 

Moopedi yo o tlhalositse fa a tlaa tswelela a opela dipina tsa sedumedi ele gone go tiisa mowa wa sekeresete le gone go rotloetsa ba ba santseng ba saletse ko morago gore ba amogele Morena Jeso.

 

Pina e e ka ratiwa ke batho ba sedumedi sa sekeresete, le ba bangwe ba baratang go o reetsa. E ka tshamikiwa ko manyalong, le batho ba iketlile fela mo lwapeng ba bankanya maikutlo a bone le mowa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gaborone

Event : Mmino

Date : 03 Feb 2022