Breaking News

Tautona o tshidisa boora Kgafela

20 Jan 2022

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o galaleditse Bakgatla go bo ba sa ntse ba tshegeditse ngwao ya Setswana ya go latola.

O buile se fa a ne a isitse molaetsa wa matshidiso gompieno, morago ga go latolwa ga Mohumagadi wa Kgosi ya Bakgatla ba-ga Kgafela, Mme Kathleen Kgafela yo o neng a tumile ka la MmaSeingwaeng kwa Mochudi.

Tautona Dr Masisi yo a neng a patilwe ke mohumagadi wa gagwe, Mme Neo Masisi le matona a mangwe a puso, a re molaetsa wa loso lwa ga Mohumagadi MmaSeingwaeng o tlisitswe semmuso kwa ofising ya ga Tautona le kwa pusong.

“Re tsile fa go tla go supa kemo-nokeng mo Bakgatleng re le puso. Ke rotloetsa Bakgatla go itumelela botshelo jwa ga Mohumagadi MmaSeingweng le go mo gopola ka tse di molemo tse a di dirileng. E ne e le motho wa mowa o montle a rata batho, e bile a dira le bone sentle,” ga bolela Tautona Masisi.

 Tautona o boletse fa loso lwa ga MmaSeingwaeng e le tatlhegelo e kgolo mo Batswaneng, ka jaana a thusitse go bopa malwapa a le mantsi le go godisa bana.

O tsweletse a rotloetsa gore le fa go lelelwa Mmabatho, go seka ga itlhokomolosiwa dinako tse go tshelelwang mo go tsone tsa segajaja sa COVID-19.

Rangwaneagwe Kgosi, Kgosi Mothibe Linchwe o boletse fa Mohumagadi MmaSeingweng a tla bolokwa ka Matlhatso Hirikgong a le masome mabedi le bofera bongwe, kwa mabitleng a bogosi.

O lebogetse go tla ga ga Tautona kwa go boora-Kgafela, a ba a bolela fa Mohumagadi MmaSeingwaeng a lwetse ka bokhutshwane pele fa a tlaa tlhokafalela kwa sepateleng sa Sidilega kwa Gaborone ka Tshipi.

 A re ba lelwapa lwa bogosi ba itumelela matshidiso go tswa mo Batswaneng, a bolela fa ba tlaa tswelela ka go itsise setshaba ka dithulaganyo tsa phitlho. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Mochudi

Event : Matshidiso

Date : 20 Jan 2022