Breaking News

Vee Mampeezy o tlaa dira maitiso go abela batlhoki

20 Jan 2022

Seopedi se se tumileng mo mererong ya mmino, Odirile Sento yo o itsegeng ka leina la Vee otla dira maitiso ka kgwedi ya Lwetse kwa Royal Aria Stadium kwa Tlokweng go abela batlhoki le makgotla a ikemetseng a thusang setshaba.

Vee o tlhalositse se mo phuthegong ya bobega dikgang ka Laboraro kwa Molapo Crossing.

O kaile fa mogopolo wa maitiso a, aa bidiwang “re thibisa lebala thii” o tla morago ga gore a fetole mogopolo go dira maitiso a a neng a biditse ‘One Man Show’ a a neng a tsala dintwa mo maranyaneng a Facebook.

Vee a re ka maitiso ao a ne a faraferwe ke dikgang tse di neng di sa tsise kagiso o ile a bona go le molemo gore a tsise thokgamo le kagiso ka e le seopedi se seitsegeng thata ka mowa wa lerato le gone go abela ba ba kobo dikhutshwane.

Seopedi se, se seileng sa tuma ka pina ya ‘why le baleseletsa’, o kaile fa go dira maitiso a e le mogopolo o montle ka balatedi ba mmino wa gagwe batla bo le bone ba tsaya karolo mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Vee o rurifaditse gore madi a balatedi ba mmino wa gagwe ba tlaa dirisang go tsena mo maitisong ao ka one, thekiso e tlaa dirwa ke makgotla a a ikemetseng ka nosi aa thusang batlhoki.

“Ga re na go amana gope le madi ao go supa fa e le tiro e thusang batlhoki,”a tlhalosa.

Mo go tse dingwe Vee o latotse magatwe a a mo maranyaneng a gore o lwa le Atasaone Molemogi, moopedi yo mongwe yo o tumileng ka leina la Ati.

O kaile fa Ati e le monnawe ebile a dirile dilo tse dintsi go mo rotloetsa. 

A re le fa Ati aka dira maitiso a One Man show, o tlaa ya go diragatsa teng mahala go mo rotloetsa.

Mogokaganyi wa mogopolo wa maitiso a One Man show, Gilbert Seagile o tlhalositse fa mogopolo oo, o o sa atlegang, ene e le ene a tsileng ka one.

 O tlhalositse fa magatwe a gore Vee ke ene a tsileng ka one e se nnete mme se sa tsisa tsietsego mo balateding ba ga Vee le Ati.

O kaile fa maikaelelo a go dira maitiso e ne e le go akaretsa bontsi jwa baopedi mo gae. 

O kaile fa se e ne e le mogopolo wa go thusa le gone go rekisa maitiso a kwa ntle ga lefatshe go godisa mohama wa mmino mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Babegadikgang

Date : 20 Jan 2022