Tiego ya kabo ditsha e tshwenya banni
20 Jan 2022
Banni ba Kgotla ya Meno/Shageng mo Maun ba re tiego ya kabo ya ditsha mo Maun e ba baya ka fa mosing.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshando ka Laboraro kwa Maun.
Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa banni ba kgotla ya Meno, Rre Kebonyemotho Diteko a re go a tshwenya go bo dikopo tsa ditsha tsa bonno di sa tlhole di tsaya dingwaga tse tlhano jaaka pele.
Rre Diteko a re batho ba emela go bewa ditsha tsa bonno dingwaga tse di tshwarang masome a mabedi mo Maun, mme o tlhalosa fa seo se itsa batho go nna le bonno.
A re bangwe ka go tlhoka lesego ba a tlhokafala pele ga ba abelwa ditsha tsa bone le ntswa molao wa ba kabo ditsha o re boikopedi jwa setsha ga bo jewe boswa.
Mongwe monni, Rre Obusitswe Ntirelang ene a re lebaka lengwe la tiego ya ditsha mo Maun ke go bo lekgotlana la kabo ditsha la Maun le imelwa ka le tlhaelelwa ke bodiredi mme kgaolo e le bophara.
Rre Ntirelang o boletse fa nako e tsile gore go simolodisiwa molao o o baakantsweng wa lefatshe wa 2018, a re seo se ka tsisa tharobololo mo dikgwetlhong dingwe tsa makgotla a kabo ditsha.
Fa a araba, leloko la kabo ditsha ya Maun, Rre Kebonyemodisa Nkape o tlhalositse gore tiego ya go aba ditsha e nna teng ka tiro eo e akaretsa makalana a a farologanyeng jaaka ba khansele.
Rre Nkape o boletse gore kopo ya lefatshe ga e jewe boswa, a re ba losika baka ja boswa jwa setsha fa se setse se arabetswe.
O supile fa tlhaelo ya bodiredi le didirisiwa e le teng, mme a re lekgotlana la kabo ditsha la Maun le a tle le kope thuso ya bodiredi go tswa makgotlaneng a mangwe a kabo ditsha a kgaolo ya Tawana.
Fa a tsibogela bothata ja ditsela mo Maun, Mothusa Modulasetilo wa Khansele potlana ya Maun, Rre Vepaune Moreti, o supile fa khansele ene ya fiwa madi a kanang ka P800 000, mme a re madi ao a mannye go baakanya ditsela tsotlhe tse di mo motseng wa Maun.
Rre Moreti o buile gape a re mmu wa makgarapana o o fitlhelwang mo Maun ke wa boleng jo bo ko tlase, mme seo se dira gore ditsela di senyege ka pela.
Mopalamente Saleshando o ne a re matshwenyego mangwe a kabo ditsha ke a a batlang gore melao mengwe e fetolwe.
Rre Saleshando o ne a re ba komiti ya ditlhabololo ya Meno ba na le mogopolo o o siameng wa go aga sekolo sa bana ba bannye.
A re seo ke nngwe ya maikaelelo a gagwe a go tlhabolola thuto mo kgaolong ka madi a ditlhabololo a dikgaolo tsa botlhophi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 20 Jan 2022