Breaking News

Noka e kgoreletsa metsamao

20 Jan 2022

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso a re go lebega fa dipula tsa mono ngwaga di le mashetla thata, ka go tshelegetse metsi a mantsi thata mo nokeng e e ralalang motse wa Sepako.

Rre Tshekiso o buile seo fa a ne a etetse motse oo go sekaseka seemo sa metsi a noka eo. 

A re ngwaga le ngwaga ba itemogela metsi a a tshelegelang mo nokeng eo ka kgwedi ya Tlhakole, mme a tseye dikgwedi tse tharo batho ba motse oo ba thusiwa go kgabaganya noka eo ka mokoro.

A re ba gakgametse go bona seemo se fetogile, metsi a simolola go tshela ka mashetla mo nakong ya gomieno gona le jaaka ba tlwaetse.

O tlhalositse fa noka eo e kgaogantse motse ka bogare, mme ditlamelo tsotlhe di tshwana le kokelwana, kgotla le sekole se sebotlana di le kwa bophirima jwa motse.  

A rea jalo batho ba ba  kwa botlhaba jwa motse oo, ga ba kgone go ya ditirong, go bona ba botsogo le baithuti ga ba kgone go ya sekoleng.

Rre Tshekiso a re mokoro o ntseng o dirisiwa go thusa batho go kgabaganya, o isitswe kwa Maun go ya go baakangwa, ka jalo a solofetsa batho ba motse oo fa seemo se tlaa boela mo mannong ka ponyo ya leitlho.

O tlhalositse fa tiragalo eo e ka tswa e dirwa ke dinoka tse di tletseng tsa Manxotai le Nata, ka jalo metsi a noka eo ga a kgone go ela.

O kopile banni go tlhokomela bana, le go ba tsibosa ka borai jwa go tshamekela mo metsing.

Dikgosi tsa motse oo, kgosi Kekgathegile Swidzo le kgosi Kamogelo Nkaelang ba kopile puso go potlakela seemo seo.

Ba re ba tswa kgakala ba kopa gore go agiwe motshelakgabo mo nokeng eo.

Kgosi Swidzo a re khansele potlana ya Tutume e kile ya baya mapako go dira fa batho ba ka tlolang teng, mme e feletse e tsaya mapako go sena tharabololo epe.

A re go tshelegela ga metsi ka bokete mo nokeng go baya morafe mo diphatseng ka balwetsi ga ba kgone go tlolela kwa kokelwaneng.

Kgosi Nkaelang ene o kopile puso go aga borogo go kgabaganya noka eo gore batho ba kgone go kgabaganya go sena bothata bope.

Kgosi a re seemo sa noka eo ka nako ya dipula se a ama, ka baithuti ba tlolwa ke dithuto ba santse ba emetse thuso gore ba kgone go ya sekolong.

Fa lekoko la BOPA le etetse motse oo, ba fitlhetse noka eo e tletse e bile e penologa. Fa bangwe ba baithuti ba ba neng ba tshwanetse go ya sekoleng ka Labobedi ba kaletse kwa moseja ga noka.

E ntse e le foo, magosana ao a ikuetse kwa ga molaodi ka ditau tse di feditseng leruo la bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SEPAKO

Event : Therisanyo

Date : 20 Jan 2022