Ditsela di tlaa baakanngwa
19 Jan 2022
Banni ba Dagwi mo kgaolong potlana ya Tutume ba boleletswe fa tsela e e tswang mo Tutume/Maitengwe e ya kwa motseng oo, e tlaa tshelwa mmu le metsi monongwaga.
Fa araba selelo sa banni ka Labobedi mo phuthegong ya ga Mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang, mogolwane wa lephata la ditsela,Rre Tobedzani Makala a re, tsela eo e lekgarapana, e akaretsa le e e tshwaraganyang Nkange le Changate.
O tlhalositse fa e le dingwe tsa ditsela tse di tlaa dirwang ka ngwaga wa madi wa 20222023.
Monni wa Dagwi, Rre Mbizo Keaba a re tsela eo e ba senyatsa dikoloi, ka e nna ka go gopiwa go sa tshelwe metsi le mmu, mme seo se pitokolole matlapa a a felelang a nna borai mo dikoloing.
Rre Keaba a re se se ngomolang pelo go feta ke gore, tsela eo ga e a akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo.
E ne e rile pele, modulasetilo wa VDC ya Dagwi, Rre Ontlogetse Dobela a re tiego ya go similodisa go ruta bana ka teme ya bone e a tshwenta.
Rre Dobela a re tsholofelo e ne e le gore e tlaa re ngwaga eno e simologa, go simololwe go ruta bana ka teme ya bone, mme go lebega go ise go diragale.
O ile a supa fa seemo sa tsela ya Tutume le Maitengwe se ngomola pelo thata,ka e tletse dikhuti gongwe le gongwe le marogo a a mo tseleng eo a le borai mo badiriseng ba tsela eo.
O boletse gape fa motse o tletse ka makadiba a a dirwang ke diphaephe tse di thubegang, mme ba koporasi ya metsi ba tsaya nako go thiba diphaephe tseo.
Modulasetilo o tsweletse a bolela fa balemi ba sa jesiwe di welang ke dikolobe tsa naga tse di ba senyetsang mo masimong.
A re phologolo eo e borai ka e tsena kwa masimong bosigo.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Dr Tshabang o boletse fa kgang ya tsela ya TutumeMaitengwe e sa mo robatse ka e bile rakonteraka a ne a phuaganya tiro eo.
A re e tshwana le kago ya diofisi tsa matlo a mapodisi kwa Maitengwe, a supa fa e le dingwe ditlhabololo tse di teng mo kgaolong tse di sa mo robatseng ka ga di na tswelelo pele.
Dr Tshabang o tlhalositse fa kokelo e e solofetsweng go dirwa kwa Tutume go araba selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume, mothusa tona ya botsogo le boitekanelo,a boletse fa madi a setse a ntshitswe gore tiro e simologe.
“Mothusa tona o ne a re madi ao, a setse a neetswe ba lephata la dikago la puso go simolola tiro, mme go sa ntse go le mo legatong la taletso ya ikopelo tiro, nako e a neng a buisa baeteledipele ba motse kwa Tutume.,” Dr Tshabang a tlhalosa
O boletse fa ba lephata la thuto go tswa kwa moding, ba tlhalositse fa ba tlaa simolodisa thuto eo ya go ruta bana ka teme ya bone ka kgwedi ya Seetebosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : DAGWI
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 19 Jan 2022