Breaking News

Ba Kgantshang ba lela ka letlhoko la metsi

19 Jan 2022

Banni ba motsana wa Kgantshang kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, ba ikuetse ka letlhoko la metsi ba supa fa ba felela ba a nwa a noka.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshando kwa Kgantshang ka Mosupologo, monni wa motse, Rre Nthapelang Maforaga a re Kgantshang ga a fiwe metsi ka gotwe ga a rurifadiwa mme o tswa kgakala o le teng.

Rre Maforaga a re motsana oo, o dikaganyeditswe ke metse e e nang le metsi mo bogolo ba kabong ba thusiwa ka tanka ya metsi.

O tlhalositse fa go na le sediba sengwe gautshwane sa Lephata la Water Affairs se banni ba kileng ba kopa go nwa mo go so ne mme ba se ka ba atlega.

Rre Maforaga o ngongoregile gape ka borogo jo banni ba bo dirisang go ya moseja wa noka, a re ga bo mo seemong se se siameng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Vepahaune Ndjoura e ne o kaile fa motse o tlhoka tsela e e tsenang mo motseng le kwa ofising ya kgotla.

Rre Saleshando o supile fa letlhoko la metsi e le tlwaelo mo metsaneng e e sa rurifadiwang.

A re ke nngwe ya dikgang tse a di emetseng ka dinao, go bona gore batho ba bona metsi go sa kgathalesege gore a ba mo motsaneng o o sa rurifadiwang.

O solofeditse gore otla  sala morago kgang ya sediba se gotweng se gautshwane le motse.

Rre Saleshando o ne gape a gakolola banni go tsaya karolo mo tsamaisong ya palo bathong e e dirwang ngwaga ono, go thusa puso go itse ditlhabololo tse di ka dirwang go tokafatsa matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : KGANTSHANG

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 19 Jan 2022