Breaking News

Ba kopiwa go tsaya karolo

19 Jan 2022

Banni ba Sesung ba kopilwe go ipaakanyetsa go tsaya karolo mo tshekatshekong ya molao motheo wa lefatshe leno.

Kopo eo e dirilwe ke Mopalamente wa Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Mosupologo.

Rre Leuwe o kaile fa e le lantlha molao motheo wa lefatshe  o sekwasekwa otlhe, a re mo dingwageng tse di fetileng, go ne go nopolwa fale le fale.

O ne a ba kopa go tsaya karolo mo palong ya batho, e e tlaa nnang monongwaga, a tlhalosa fa e ka bo e nnile ngogola, mme ya emisiwa ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19.    

Rre Leuwe o ne a ba itsise fa bana ba tshwanetse go kentelwa mogare wa corona, ka jalo a kopa batsadi go thusa.

Fa ba akgela, banni ba ne supa fa ba eletsa gore merafe yotlhe ya Botswana e lekane.

Fa Rre Keboboetse Letshwankgane a ne a supa fa ba eletsa gore motho fa a bolaile motho a seka a letlelelwa go leta tsheko a le kwa ntle.

Rre Keolebogile Phokeng ene o ne a re o eletsa gore go rutwe batho ka palo batho, le gore ba e tsee ka tlhoafalo.

Ba kopile gape gore ditsheko tsa leruo di sekelwe ko makgotleng a Setswana go sena babueledi, mme boikuelo bo dirwe kwa kgotleng e tona.

Mo go tse dingwe, mogolwane kwa ofising ya Banana, Rre Desire Desai o ne a supa fa lenaneo la YDF le buletswe, fa metshameko le yone e tla a tswelela fa boletse jwa COVID-19 bo fokotsega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SESUNG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Jan 2022