Borre ba rotloetswa go tlhama mekgatlho
18 Jan 2022
Borre ba kgothaditswe go tlhama mekgatlho e e botlhokwa mo matshelong a bone.
Mothusa kgosi ya Moiyabana, Kgosi Gosotwamang Keatshotse o buile se ka Matlhatso kwa moletlong wa go ipelela ngwaga mokgatlho wa dingwetsi tsa Moiyabana o ntse o le teng.
A re go le gantsi bomme ba a kopana go tlhama mekgatlho e e farologaneng jaaka wa dijo, madi, go thusana ka matshelo le e mengwe. Kgosi Keatshotse a re borre ba tshwanetse le bone ba tlhame mekgatlho go itebaganya le dikgwetlho tsa bone ka gore fela jaaka bomme, ba na le dikgwetlho mme ba tshwanetse ba kopane go buisana, ba agane ba bo ba felele ba rarabolola dikgang tsa bone.
O supile fa seabe sa mokgatlho wa dingwetsi se bonala ebile se tlaa sologela setshaba mosola ka ebile o itebagantse le mathata a a aparetseng lefatshe lotlhe ka bophara a go thubega ga malwapa le kgokgontsho ya bong.
Kgosi Keatshotse a re dikgang tse di tshwenyang di tlaa ritibala ka mokgatlho wa dingwetsi go supafala fa maikaelelo e le go itebaganya le tsone.
Mongwe wa maloko ebile e le mokgothatsi, Mme Regina Gaerobale a re go supafala fa bontsi jwa bomme ba ba mo nyalong ba rwele mathata mme mo dinakong tse dintsi, ba sa itse gore ba ka a rolela mang mme ba etsaetsege.
A re nngwe ya phoso e e diregalang ke gore fa banyalani ba laiwa, ga ba tsibosiwe gore dikgwetlho di tla a nna teng mme e re di nna teng ba ipotse gore a ke jaaka lenyalo le tshwanetse go nna. Mme Gaerobale o kopile bomme ba ba nyetsweng go itshegetsa ka Modimo ka e le ene tsela le boammaaruri.
O rotloeditse bomme ba mokgatlho wa Moiyabana Dingwetsi Association go direla mokgatlho wa bone, go ratana le gone go bopagana ka mokgatlho o tlhametswe boammaaruri.
O ne gape a kopa maloko go tsaya mokgatlho ka tlhoafalo le fa ba tsweletse ba dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le letsatsi.
Modulasetilo wa Dingwetsi Association of Botswana, Mme Grace Silver o supile fa motlhala wa mokgatlho wa Moiyabana o bonala ebile ba sa ipona tsapa ka e le gone ba simololang mokgatlho wa bone.
Mme Silver o rotloeditse maloko go itlotla, go tlotla lenyalo le go bifela tlhalo ka lenyalo e le mpho e e tswang kwa Modimong.
Mopalamente wa Serowe borwa, Rre Leepetswe Lesedi o a akgoletse bomme ba dingwetsi kwa Moiyabana go tlhama mokgatlho ka dikgang tsa tlhalo di ile magoletsa mo lefatsheng.
Rre Lesedi o supile fa go tlhama mokgatlho go tlaa nna le dikgwetlho, a re go tlhamiwa ga sepe fela se se bolokang, tsela ga e ke e nna bonolo.
.O kopile malwapa go tlotlana gore bana ba ithute mo go o ne, go nna baeteledipele ba popota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : Moletlo wa Ipelo
Date : 18 Jan 2022