Breaking News

Go dira mokwalo wa boswa go botlhokwa - Kgafela

18 Jan 2022

Mopalamente wa Mochudi Bophirima Rre Mmusi Kgafela o rotloeditse setshaba go dira mokwalo wa boswa.

Fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Bophirima bosheng, Rre Kgafela o tlhalositse fa mokwalo wa boswa o le botlhokwa ka o itsa dikgotlhang gareng ga bana ba motho fa a sena go tlhokafala.

A re se se thusa gape gore masika a seka a rontsha bana ba moswi ditshwanelo tsa bone ka go ikgagapelela dithoto tsa bone.

Rre Kgafela o rotloeditse banni go dirisa ofisi ya mopalamente go kopa dithuso, a re ofisi e buletswe mongwe le mongwe go tla go itela fa ba na le matshwenyego.

Se se tla morago ga gore Kgosana Molefe Motlhagodi wa kgotla ya Bophirima kwa Mochudi a itsise mopalamente fa dikgang tsa go lwela boswa di gola ka dipalo tse dintsi kwa motseng oo.

Mo go tse dingwe, Rre Kgafela o kgothaditse banni go itshetsa ka go bula dikgwebo-potlana.

A re o lebogela gore dipuisano tsa go seka-seka molao-motheo di simolotse, a rotloetsa gore mongwe le mongwe a dirise sebaka se go ntsha la gagwe gore o eletsa gore o fetlolwe fa kae.

Fa a lekodisa mopalamente ka tse dingwe, Kgosi Motlhagodi o ne a ngongorega ka tiriso ya motokwane ya bana ba sekolo e e apesitseng motse wa gagwe kobo ka letshoba.

O kaile fa bana ba sekole ba dule mo taolong, ba sa reetse molao wa batsadi le barutabana, a re se segakadiwa thata ke tiriso ya nnotagi le motokwane.

O kopile gore go agiwe lefelo le kwa bana ba ka isiwang teng go agiwa maitsholo, a tlhalosa fa batsadi ba bana ba tategile ke boitshwaro jo bo e seng jone.   Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Bophirima, Rre Michael Toitoi o supile fa motse o gola mme ditlamelo di le kwa tlase.

A re seemo sa ditsela ga se se se nametsang, a supa fa metsi a itsheka mo ditseleng fa dipula di nele.

O kaile fa matlo a komiti a le mo tirisong mme ebile go na le tirisanyo-mmogo e e siameng magareng ga komiti le bahirisi.

Le fa go ntse jalo, Rre Toitoi a re o ngongorisiwa ke gore komiti ya ditlhabololo tsa motse ga e fiwe tlotla kgotsa marapo a a e tshwanetseng.

Monana mo motseng, Rre Bogolo Phiri o supile fa a sa jesiwe diwelang ke borradikgwebo ba ba dirisang marapo le bokgoni go ikgagapelela dikgwebo ka mefuta ba sa fe ba bangwe sebaka aa go ikgodisa.

O kopile gore melao ya go bula kgwebo e repisiwe gore mongwe le mongwe a kgone go bona sebaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 18 Jan 2022