Ba Manxotai ba akgoletswe go tsaya mokento
18 Jan 2022
Banni ba Manxotai mo kgaolong ya Nata/Gweta ba akgoletswe go tsibogela molaetsa wa ba botsogo wa go kentela Covid-19 ka dipalo tse di kwa godimo.
Kakgolo eo e ntshitswe ke mooki wa kokelwana ya Gweta, Rre Isaac Seledi kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Polson Majaga ka Labotlhano.
Rre Seledi a re mo bathong ba ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo, batho ba le batlhano fela ke bone, ba ba sa kentiwang mo motseng oo.
A kopa banni go rotloetsa botlhano joo go ya go tsaya monkento.
Fa a akgola batho go nna tsebe ntlha go tsibogela molaetsa wa badiri ba botsogo, a gatelela ka gore batho ba motse oo ba tshwana le Tsokatshaa ka le bone ba kgonne go ikenta botlhe.
Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Mmanxotai, Rre Kemmonye Talowe o ne a leboga go bo ba tliseditswe lepodisi, a re ba tswa kgakala ka kopo eo.
Rre Talowe a re lepodisi leo le tlaa thusa mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana e e diragalang mo motseng.
O kopile gore kokelwana e tsholediwe go nna kokelo le gore go gokelwe motlakase mo diofising tsa puso.
O boletse fa tlhaelo ya metsi a a nowang e ba jesetsa mo kgobedung.
Fa Mopalamente Majaga a boletse fa mo nakong ya gompieno metse e e mo kgaolong eo e tlaa bo e nwa metsi a a tswang mo ditankeng tse di kwa Dukwi, go santse go emetswe thulaganyo ya go gogela metsi go tswa kwa Chobe a fetela kwa Selebi Phikwe.
A re tlhaelo ya metsi e bakwa ke tshenyo e e dirwang kwa ditankeng, metsi a sa goroge kwa bathong.
Mo go tse dingwe o ile a gwetlha banni go tsosolosa mowa wa boipelego, go itirela ditlamelo dingwe tsa ditlhabololo.
A re ga ba tshwanela go baya fela mo pusong go neelwa ditlamelo, ba tshwanetse go tla ka metlhale mengwe ya itshetso, ka go dirisa dipolase tse di teng mo kgaolong go dira mananeo a temo-thuo.
A gatelela ka gore batho ba tshwanetse go amogela boikuelo jwa puso jwa kwelotlase ya itsholelo, ka jalo ba leke fa ba ka kgonang teng go thusana le puso mo go tokafatseng matshelo a bone.
Mongwe wa banni, Rre Babalelang Nkelekang, a re madi a teng, mathata ga a dirisiwe sentle.
Rre Nkelekang a re ke nako gore puso e sekaseke mananeo a a ntshitsweng go thusa batho jaaka a ISPAAD, Ipelegeng la Banana le a mangwe go bona gore a nna le maduo.
Go ya ka ene a re a mangwe a ka bo a emisiwa ka ga gona tema mo go one, mme puso e a senyegelwa ka go nna e ntsha madi ngwaga le ngwaga mme go sena motlhala le dipoelo tsa tiro tsa mananeo ao.
A re madi ao a kabo a dirisiwa go direla batho ditlhabololo mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MANXOTAI
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 18 Jan 2022