Breaking News

Banni ba lela ka kgaogo ya motlakase

18 Jan 2022

Banni ba Tutume ba re ga ba jesiwe di welang ke kgaogo ya motlakase le maranyane a ditlhaelenyatso a megala ya letheka.

Ba ntshitse matshwenyego a, mo phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang bosheng kwa Tutume.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa kgotla ya Thini, Rre Isaac Lebengwa a re ngwaga le ngwaga ka dinako tsa dipula ba tshabelelwa ke bothata jwa go kgaoga ga motlakase.

Rre Lebengwa a re seemo seo se a tshwenya ka morago ga kgaogo eo, metsi le one a a kgaoga mme go tseye malatsi batho ba bolawa ke lenyora.

A re ba lekile go batla tlhaloso ya se se ka tswang sebaka kgaogo eo, e gape e felelang e dira gore didirisiwa tsa motlakase di she, mme go se thuso epe e ba e bonang.

O tlhalositse gape gore fa ele megala ya letheka yone, go nna bokete ka jaanong batho ba sa kgone go tlhaeletsanya, a tlatsa ka gore seemo seo se ne sa bifela pele ka malatsi a boitapoloso a a sa tswang go feta.

Mo go tse dingwe, Rre Lebengwa o ne a kopa mopalamente gore a puso e se sekeseke dituelo tsa VDC, Ipelegeng le madi a bagodi, a tlhalosa fa madi a teng a le kwa tlase  a sa kgone go lekane ka ditlhwatlhwa tsa dilo di oketsega nako le nako.

Fa a tswa la gagwe, Dr Tshabang o ne a tlhalosetsa banni fa puso e boletse fa seemo sa itsholelo se wetse tlase, ka jalo go tsile go tsaya nako gore dilo di boele mannong.

A re go tlhagoga ga dibetso tsa tlholego jaaka seru se se wetseng lefatshe ka bophara sa bolwetsi jwa Corona di amile itsholelo ya mafatshe.

O ne a tlhalosa fa meamuso e e ntseng e thusa go tsenya letseno la madi jaaka thekiso ya diteemane le bojanala di wetse tlase, ka jalo a kopa setshaba go tla ka metlhale mengwe e e ka thusang go leka go tsosolosa itsholelo.

Dr Tshabang o tlhaloseditse banni gore kago ya matlo ya sepodisi kwa Maitengwe le tsela e e tshwaraganyang Tutume le Maitengwe tiro ya teng e eme golo go le gongwe ga gona maduo.

A re  seemo sa marogo a mabedi a a kgabaganyang tsela eo, a sa siama e bile a ka nna a gosomana nako nngwe le nngwe, a solofetsa fa batla a kopa puso go tsibogela seemo seo.

Mongwe wa batsena phuthego, Rre Caiphus Habana o ne a kopa go re fa thulaganyo ya go siela kgaolo metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale e wela, banana ba rebolelwe go dirisa metsi a didiba tsa Maitengwe go lema.

Rre Habana a re ka thulaganyo eo, banana ba ka kgona go tlhama ditiro le go jesa setshaba ka jalo ba leke go tsosolosa itsholelo.

Rre Mogau Sekuku ene o ne a ngongoregela bonya jo bo tsewang ke ba lephata ka kabo ditsha go aba ditsha tsa bonno.

Rre Sekuku a re ba setse ba tsofalela mo malwapeng a batsadi ba bone, selo se a kaileng se tsisa dikgotlhang mo malwapeng, ka jalo a kopa lephata leo go leka go thiba diphatlha tse di fa gare ga motse ka ditlamelo dile teng gale.

Fa a araba, Dr Tshabang o boletse fa ba lekgotla la kabo ditsha la Tutume ba boletse fa ba segile ditsha di le makgolo mane mo godimo ga dikopo tse di dikete tse di borobabongwe tsa batho ba ba emetseng go bewa.

A re kgang ya tiego ya go aba ditsha ke kgang e e amileng Botswana jotlhe ka jalo a kopa ba lephata la kabo ditsha  gore ba tsibogela kgang eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 18 Jan 2022