Breaking News

Kgosi o bulela manyalo le ditsheko

17 Jan 2022

Kgosi ya Bangwaketse, kgosi Malope II o buletse manyalo le ditsheko tsa tetlano.  

Kgosi Malope II o boletse se a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya ga-Ngwaketse bosheng.

O supile matshwenyego ka tsamaiso ya lenyalo la Sengwaketse, a supa fa dilo dingwe di sa tsamaisiwe sentle, a re le batho bangwe ba ngongoregela tsamaiso eo e bogolo thata e lebaganeng le patlo, e e dirwang pele ga bogadi bo ntshiwa.

Kgosi Malope II a re ka ngwao ya Sengwaketse patlo e nna morago ga dikgomo, kgotsa bogadi bo sena  go supiwa kwa kgotleng, a supa fa go utlwala gore bangwe ba itlhokomolosa tsamaiso eo, mme a kopa ba ba ntseng ba sa sale morago tsamaiso eo, go boela mo tseleng.

Kgosi o tlhalositse fa bogadi mo ga Ngwaketse e le dikgomo, le fa bangwe ba kgona gontsha bogadi jwa madi, a re le jone bo a amogelesega go ya ka fa motho a itokang ka teng, a re mme bogadi jwa madi a a tlang a tshotswe mo kgotleng ka bontsi jo bo kalo thulaganyo eo e a tshosa, go lebilwe seemo sa borukutlhi jwa malatsi ano.

Ka jalo, Kgosi Malope II o gakolotse ba ba nshang bogadi jwa madi gore fa go kgonega ba ise madi kwa polokelong kgotsa ba dirise mohuta mongwe wa maranyane go ntsha madi ao, kwa kgotleng a bo go tla sesupo fela.

Mabapi le manyalo, kgosi a re batho bangwe ba na le mogopolo wa go pega lenyalo kwa kgotleng a bo ba folosa gone foo, mme a kopa gore godira jalo go fele, ka e se tsamaiso ya lenyalo la Sengwaketse a re go ka diragala fela fa go na le mabaka a a nonneng.

A re matshwenyego mangwe, ke a bomme ba ba sa nyalwang mme ba tshwanetse go phekolwa pele ga bana ba bone ba basimane ba ba nyala, a re kgang eo ga e jese batho bangwe di welang ka jaana ba bua gore bo malome ba lopa bana madi a mantsi a bogadi, mme seemo seo se kokonele bana  ka jaana gotsweng foo bantsha bogadi go tsaa basadi ba bone mme e nne ditshenyegelo tse dintsi thata.

 Ka jalo kgosi a kopa gore bo malome ba fokoletse bana ditshenyegelo kgotsa tiro eo ya go phekola motsadi e eme gotlhelele.

Mo go yone phuthego ya kgotla, Rre Prince Chibana le Rre Rotlhe Chibana ba madirelo a mmoshara wa Smart Funeral kwa Kanye ba ne ba kopa Bangwaketse le borara jwa ga-Ngwaketse go ba letlelela go aga madirelo a go tshuba baswi kwa Kanye, ba tlhalosa fa tiro eo e letlelesega mo Botswana ebile madirelo a mohuta  oo a le teng kwa Mahalapye.

Ka nako ya dipotso le dikakgelo, morafe o ne wa dumalana ka bongwefela jwa pelo le mafoko a ga Kgosi gore ngwao ya tseo ya Sengwaketse e somarelwe thata e sere gongwe ya batswa diatleng.  

Ba ne ba itumelela go utlwa kgosi a supa gore patlo e dirwe bogadi bo sena go supiwa kwa kgotleng, ba re ngwao ya lenyalo la Sengwaketse e kgotlelwa ke gore batho bangwe ba kopa dingwao disele.

 Ba dumalane le gore go phekola motho fa ngwana wa gagwe a tsaa kgotsa a nyala go eme, ba supa fa e le nnete tiro eo e bakela ngwana yoo tsaang ditshenyegelo tse dintsi thata.

Ba kopile gore kgang e nngwe e bogosi bo tshwanetseng go e tsenya leitlho thata ke go botsa gore a mosadi o agetswe fa a nyalwa, ba supa fa potso eo e baya bana ba ba batlang go nyala ka fa mosing ebile e itsa bana go nyala ka jaana ba lekgotla la kabo-ditsha ba diega go abela batho ditsha tsa bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Jan 2022