Makhanselara a ikanisitswe
17 Jan 2022
Makhanselara a le mararo a kgaolwana tsa Moshupa Botlhaba, Lorolwane le Ga-Molopo ba ikanisitswe ka bosheng. Makhaselera ao , ba ikanisitswe ke motshwarelela molaodi wa kgaolo ya Borwa, Mme Tuelo Gothaang.
Ba tlhophilwe ngogola Sedimonthole a le lesome le boferabobedi, morago ga go tlhokafala ga makhanselara a pele a dikgaolwana tseo.
Mokhanselara wa Moshupa Botlhaba ke Rre Lentswe Mosanako, wa Lorolwane ke Mme Keitiretse Motsumi, fa wa Ga-Molopo ene e le Rre Kgotlaetsile Bantatetse.
Fa amogela makhanselara, modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala, o lebogile Modimo go bo o babaletse makhanselara, go tla go goroga mo ngwageng ono wa 2022.
Rre Chabalala a re ke keletso ya gagwe gore makhanselara ba gakologelwe fa go le botlhokwa go tsena mo ngwageng ono ka lebelo le le ko godimo.
A re lentswe la batho ke lentswe la Modimo, a tlatsa ka gore o eletsa gore ba amogelwe kwa dikhanseleng potlana tse ba kwa go tsone, ba bo ba rutiwe tiro.
Rre Chabalala a re ba tshwanetse go itse gore makhanselara a a tlhokafetseng, a ne a le mo dikomiting, a bo a re dikhansele potlana tse ba mo go tsone ba tlaa ba tsenya mo go tsone dikomiti tseo ka go farologana.
Fa a ema makhanselara a masha ao ka lefoko, mokhanselara Lazarus Ncube wa Pitsane o ne a ba itsise fa ba gorogile mo khanseleng ya Borwa, mme a solofela fa ba tsile go dira ka natla le ka botswapelo.
A ba tlhalosetsa fa go sa lofelwe khansele le fa e le dikomiti.
Mokhanselara Ncube o ba boleletse fa batho ba ba tlhophile ka tshepho, a bo a re ba seka ba tlhabisa batlhopi ditlhong le fa e le ene ba seka ba mo swabisa le gone go mo tlhabisa ditlhong tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantope
Location : KANYE
Event : Kamogelo ya Makhanselara
Date : 17 Jan 2022