Balemi ba gakololwa go baakanya masimo
17 Jan 2022
Beng ba diterekere ba gakolola balemi go baakanya masimo a bone gore a nne mo seemong se se siameng pele ga ba lemelwa.
Ba re go le ga ntsi, ba nna le dikgwetlho tse di farologaneng fa ba lema, mo go felelang go ba tlama gore ba tseye nako e ntsi mo tshimong e le nngwe kana ba senyegelwa ke didirisiwa, mo ba felelang ba tlamega go di baakanya.
Fa a bua mo potsolosong, mongwe wa beng ba diterekere, Rre Jakoba Mmopi wa Serowe a re fa e sale a simolola go lemela batho mo masimong a a farologanyeng, o itemogetse fa bangwe ba bone ba tlogela masimo a bone a le mo seemong se se sa itumediseng, se tshwana le bojang jo bo kgoreletsang temo le medi ya ditlhare.
A re mo nakong tse dingwe, didirisiwa tsa bone jaaka megoma le diege kana terekere di kgona go robega, mme di dirwa ke seemo sa tshimo, mme ba tlamege go dirisa madi go di baakanya.
A re se se felela se dia tiro ya go thusa balemi ka go na le tlhaelo ya diterekere. A re ba felela ba tsaya malatsi a mangwe ba batla thuso ya go baakanya didirisiwa.
Rre Mmopi a re seemo sa loapi le sone bogolo jang dipula, di kgona go ba kgoreletsa, mme ba felele ba ema pele gore metsi a fokotsege mo mmung.
O ne a kopa balemi go tlhokomela masimo a bone, fa ba fetsa go roba go itsa ditiego.
Le fa go ntse jalo, balemi ba na le tsholofelo ya gore mo ngwageng ono, ba tlaa roba mo go nametsang fela jaaka o o fetileng.
Mongwe wa balemi, Rre Brian Tlholego wa masimo a Motshegaletau, o ne a supa fa a lema ngwaga le ngwaga mme a lema dijwalo di tshwana le mmidi, ntshe, lablab le magapu.
Ka jalo a re o lema ditema tse dintsi tsa lablab ka e le yone e e mmusetsang dipoelo tse dintsi, ka o e jesa leruo la gagwe go le tlhabolola.
O ne a leboga puso go bo e duelela balemi ditema tse dingwe, a ba a supa fa moo go thusa ka bontsi jwa balemi ba ka palelwa ke go ituelela temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2022