Breaking News

Fetolang mokgwa wa go dira- Brooks

16 Jan 2022

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o kgothaditse badirelapuso go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng, ka seo se ka thusa mo katlegong ya ditlhabololo mo kgaolong eo.

Rre Brooks o buile seo mo bokopanong jwa gagwe le badirelapuso kwa Khuis ka Labone.

Maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go ithuna dinta ka go ntsha matshwenyego le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong, selo se a supileng fa e le sekgoreletsi go fitlhelela maitlamo a puso a go thusa Batswana ka fa go tshwanentseng.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba nne seopo sengwe fela gore ba tle ba kgone go diragatsa maikaelelo a puso a go isa ditirelo le ditlamelo kwa setshabeng.

Rre Brooks o ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la Tikologo, Tshomarelo di tsa tlholego le Bojanala go fetola motse wa Khuis ka o na le ditsa tlholego tse di akaretsang matlapa le mmu o o makgarapana, tse di ka tsenyang letseno ka go oka bajanala.

A re ba Trust ya Khuis ga mmogo le boeteledipele ba motse oo, ba setse ba simolodisitse lefelo la Tourism Park, mme e bile mo nakong eno le setse le ntsheditswe madi a a kanang ka P2 million ke puso.

O ne a kopa badirelapuso, baeteledipele, mongwe le mongwe le setshaba go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore tiro eo e a atlega ka jaana e tla tlotlomatsa seriti sa kgaolo eo le tebego ya motse wa Khuis.

Fa ba ntsha matshwenyego a bone, badirelapuso ba ne ba lela ka tlhaelo ya matlo a boroko, dipalamo, metsi, kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa gareng ga tse dingwe.

Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Khuis, Mme Gofaone Magoko, o ne a supa fa e re ntswa botsogo le boitekanelo e le konokono, ba na le kgwetlho ya letlhoko la metsi le le kwa godimo, selo se a supileng fa se tsenya balwetsi mo diphatseng ka ebile bolwetsi jwa segajaja jwa COVID-19 bo gaketse.

O ne a tlhalosa fa kokelwana eo, e se mo seemong se se siameng, ka dikago tsa yone di setse di siilwe ke nako, motlakase o sa ikanyege, gape ba lebane le tlhaelo ya dipalamo le bodiredi, selo se a supileng fa se phirimisa maikaelelo a go thusa setshaba ka fa ba eletsang ka teng.

Mogolwane go tswa polasing ya Lobu, Rre Kabo Keloreile, o ne a ngongorega ka terata ya polasi eo, a re e onetse ka e sale e agilwe ka ngwaga wa 1978, selo se a supileng fa leruo le sa babalesega.

Rre Keloreile o boletse fa molelo o o neng wa tlhagoga mo kgaolong eo ngogola, o gakaditse seemo seo, ka bontlha bongwe jwa tereta bo ne jwa amega le ntswa ba ne ba tsibogela seo go babalela loruo.

Modulasetilo wa komiti ya Trust, Rre Benny Kotokwe fa a tswa la gagwe o ne a supa fa ba tshwere ka natla go tlhomamisa gore ditsa tlholego tsa bone mo motseng di a tlhokomelesega le go babalelwa.

A supa fa maduo a bone a bonala ka jaana seemo se neng se tshwenya sa go dira go rata ka kepo ya matlapa mo go seng ka fa molaong, go fokotsegile ka jaana ba beile leitlho thata.

Rre Kotokwe o ne a supa fa ba tla itshwaraganya le ba sepodisi go ba thusa go tseela ope dikgato yo o ka fitlhwelwang a tsaya matlapa kwa ntle ga tetla, ka e le one teemane ya bone e e tla ba sologelang molemo mo isagong.

Modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Rre Hendricks Jacobs, fa a tsibogela matshwenyego a badirelapuso, a re e le boeteledipele ba tla ema ka dinao go thusa fa ba kgonang teng, mme bogolo thata ka seemo sa metsi mo kokelwaneng, ba tshwaraganye le ba Koporasi ya metsi mo Tsabong.

Mo tshobokong ya mafoko a gagwe, mopalamente Rre Brooks o ne a supa fa a tla isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a gwetlha ba komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) go tlhotlha le go sekaseka ditlhabololo tse di leng botlhokwa, go di baya kwa pele gore fa madi a ka nna teng ba thusiwe pele ka tsone.

Go le pele, Kgosana Sakaa Mmoloki fa a amogela batsena phuthego mo kgotleng, o ne a galaletsa thata a supa fa seo e le kgatelo pele ka go tla go buisana ka ditlhabololo tse di amang motse wa bone. Mme ebile a supa fa seo se tla tlisa diphetogo go ya pele, a tlatsa ka go supa fa jaanong motse wa bone go lebega o tla nna le botshelo morago ga melelo ya ngwaga o o fetileng, ka jaana go nele dipula tse di namagadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHUIS

Event : Bokopano le badirelapuso

Date : 16 Jan 2022