Breaking News

Dikopo tsa boloko jwa komiti ya ditlhabololo di boutsana

16 Jan 2022

Go tsaya karolo mo komiting ya ditlhabololo tsa motse go ka thusa go fetisetsa megopolo ya setshaba kwa pusong.

Mmaboipelego wa kgaolo potlana ya Mabutsane, Mme Segomotso Machola o buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile kwa Sese ka Labone.

A re ba amogetse dikwalo di le supa fela tsa go ikopela boloko jwa komiti ya ditlhabololo ya Sese ntswa komiti e dirwa ka batho ba le lesome.

Mme Machola o rotloeditse banni go oketsa dipalo gore ba nne le seabe mo ditlhabololo tsa motse le lefatshe ka bophara.

O supile fa melawana e e tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo ekile ya bo e le kgatlhanong le gore maloko a bo a tsaya karolo mo dipolotiking, mme kwa morago ya fetolwa a re le fa go ntse jalo, maloko ga a letlelelwe go dirisa sepolotiki go tsamaisa dikomiti tsa ditlhabololo.

E ne e rile a ntsha pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sese, Rre Toba Rabasimane a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke gore banni, bogolo jang banana ba maoto a tshupa go ikwadisetsa boloko.

A re go tlhoka go nna tlhaga mo dikgannyeng tsa mofuta o go ka dia ditlhabololo tsa motse.

Rre Rabasimane o kopile puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa maloko ka ba imelwa ke tiro.

A re lemme le ba atswiwang ka lone le kwa tlase thata mo go bakang gore bontsi bo seka jwa kgatlhegela boloko.

E ntse e le kwa phuthegong eo, Kgosi Justice Motlhalane o tlhalositse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke borukutlhi jo bo golelang pele mme a kopa puso go aga ofisi ya sepodise mo motseng ga mmogo le go oketsa bodiredi.

Kgosi Motlhalane o ne gape a ngongorega ka ditlhotlhomiso tsa sepodise tse a reng di ba kgaphela kwa ntle e le baeteledipele ba motse. A re batho ba le bararo ba nyeletse bosheng mo kgaolong, mme ditlhotlhomiso tsa mapodise ga nke di supa mo go tseneletseng gore batho ba jelwe ke eng.

O supile fa ba eletsa fa tsela ya Sese/Jwaneng e ka gopiwa gore ba kgone go e dirisa, ka jaana tsela ya sekonotere e e tswang Trans Kalahari e tsena mo Sese e dikologa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : SESE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2022