Breaking News

Ba Kavimba ba ngongrega ka matlhabelo a Satau

16 Jan 2022

Banni ba motse wa Kavimba mo kgaolong ya Chobe ba ngongorega ka go tlhomiwa ga matlhabelo kwa motseng wa Satau.  

Ba ntshitse ngongorego eo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa  ke mopalamente wa kgaolo ya Chobe Rre Machana Shamukuni bosheng

Ba supile fa ba sa rerisiwa ka matlhabelo ao pele fa a tlhomiwa, ba tswelelela ba tlhalosa gore go isa kgomo kwa matlhabelong a Satau ke poelo morago ka go kgoreletsa gore ba ka ithekisetsa tsa bone.

Ba boleletse mopalamente gore bone ba batla go itlhabela dikgomo tsa bone ka fa ba itseng ka teng.

Mo go tsa ditlhabololo tsa motse banni ba supile fa ba sa jesiwe diwelang ke koporase ya metsi.

Ba re koporase ya metsi e na le mokgwa wa go ba kgaolela metsi lebaka le le leele.

Dingwe tsa dilo tse ba di kopileng ke go baakanyetswa ditsela tse di ralalang motse wa bone.

Ba kopile gape go baakanyetswa leobo la kgotla.

Ba ne ba supa gape fa ba tlhorontshiwa ke diphologolo mo motseng segolo bogolo ditshwene.

Ba kopile ba lephata la diphologolo go ba thusa go ntsha ditshwene mo motseng.

Fa banana ba Kavimba bone ba supile fa ba sa kgotsofalele ditsamaiso tsa lekgotla la kabo ditsha la Chobe.

Ba re nako ya go abelwa ditsha  e bonya fela thata.

Fa  a araba, Rre Shamukuni o tlhaloseditse banni gore matlhabelo a Satau a tlhomilwe ka fa semmusong , ebile ga se gore go ka tswa go dirisitswe mokgwa ope fela yo o sa siamang gore matlhabelo ao a nne teng.

A re go ka fa molaong gore nama nngwe le nngwe e e tla rekisetswang sechaba e bo e fitile ka matlhabelo e tlhatlhobilwe go netefatsa fa e le phepa go ka jewa ke sechaba.

Rre Shamukuni a re o tla tlhomamisa gore ba koporase ya metsi ba baakanya seemo sa metsi mo motseng, mme o ne a kopa mothusa molaodi wa kgaolo go sala kgang ya metsi morago.

O kopile banni go sala temo ya nosetso morago ka goromente a dule ka metlhale e e tla thusang balemi go rekisa dijwalo tsa bone.           

O ne a kopa banana go dirisa mananeo a puso go ipulela dikgwebo.

O gakolotse banni gore puso e tlhomile lekoko la tsheka tsheko ya molao motheo go tsamaya le dikgaolo go tsaya megopolo mo serchabeng.

O ba kopile go ipaakanyetsa go rolela lekoko leo dikakanyo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2022