Breaking News

Ba tsweletse ka go ikgaratlhela

12 Jan 2022

Banana bangwe ba ba mo kgwebong ya go tsaya dinepe kwa Serowe ba santse ba tshwareletse mo tirong ya bone le fa ba lebanwe ke dikgwetlho.


Banana ba, ba ba direlang kwa mmolong o motona wa motse oo, ba supile fa ba ka seke ba ineele mo tirong ya go tsaya dinepe e ba itshetsang ka yone ka go sena diphatlha tsa mebereko.


Rre Pako Mokgothwane yo o dingwaga tse di masome  mabedi le bobedi a re o sale a tsena mo kgwebong e ka 2020.


A re go simololeng ga gagwe, dipoelo di ne di le botoka ntle le gore bolwetse jwa COVID-19 bo ne bo setse bo simolotse, mme se, sa seka sa mo kgoba marapo go tswelela.


O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tshwana fela le tse dingwe ka e thoka motho yo o akanyang ka bonako e bile a le majato go ipatlela batho ba a ka ba tsayang dinepe.


Le fa go ntse jalo, Rre Mokgothwane a re se se a tleng se nne dingalo ke batho ba ba nnang bogale fa a kopa go ba tsaya senepe.


A re fela se ga se mo nyemise moko mme o tswelela a batla ditsela tsa go tokafatsa ditirelo tsa kgwebo ya gagwe.


Monana yo mongwe wa mokapa ditshwantsho, Rre Bakani Tingeno, a re o itumelela ka fa kgwebo e tsamayang ka teng mme e bile a le motlotlo ka se a se dirang.


A re o itumelela go bona maduo a maiteko a gagwe a go itirela botshelo jo bo botoka ka jaanong a kgona go ithekela tse a di tlhokang, mme e bile a sa tlhole a ikaegile fela ka batsadi ba gagwe.


Rre Tingeno yo o dingwaga di masome a mabedi, a re le ene o simolotse kgwebo ka 2020 a santse a tsena sekole sa ithutelo tiro ya diatla.


O ne a tlhalosa gore ntle le gore o ne a okwa ke dipoelo, o ne a simolola go nna le lerato mo tirong e ya go tsaya dinepe.


A re o ne a itumela thata fa a kopana le batho ba ba nang le lerato mo sengweng se le ene a se ratang, mme o ne a felela a kgona go dira le ditsala tsa batsei ba dinepe.


A re kwa ntle ga go tsaya batho dinepe mo marekisetsong, go na le lefelo le le kgethegileng le ba le dirisang go tsaya batho dinepe.


A re lefelo le le na le mekgabisa e e thusang gore dinepe di nne dintle.


O ne a tlhalosa fa gape ba lalediwa go tsaya dinepe kwa medirong e tshwana le manyalo, dintsho le maitiso a matona a tshwana le a a ratwang bobe a Born and Raised.


O supile fa a ipapatsa ka maranyane a tshwana le a Facebook, Instagram le WhatsApp ka leina la JB Media.


Rre Tingeno o tlhalositse gore bakapa ditshwantsho ba lebanwe ke kgwetlho ya gore batho jaanong ba oketsegile mo kgwebong e, mme se se dira gore dipoelo tse ba ntseng ba di bona le wele tlase.


A re maikaelelo a gagwe ke go tsenelela dithuto tsa go tsaya dinepe go tokafatsa tiro ya gagwe. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : SEROWE

Event : Posolotso

Date : 12 Jan 2022